Upload
phunganh
View
292
Download
12
Embed Size (px)
Citation preview
Bonang,
Kwana ya Modimo
e tlosang maleo a
lefatshe lotlhe.
Yo ke Mesia!
Yo baporofeta
ba neng ba bua
ka ga gagwe. O tla
dira eng?
Latelang
Jesu. Moruti, re batla go go
sala morago go nna barutwa
ba gago. O dula kae?
Fela ga nkitla ke
go tlogela, moruti.
Ga ke moruti wa gago.
Ke tshwanetse go ngotlafala,
mme ene a galalediwe gotlhelele.
Ke Mesia ka nnete, mopholosi wa
lefatshe. Mo lateleng.
E tlang
lo bone
Nathaniele o kae? O mo
tshingwaneng.
A go na
le phoso?
Nyaa,
dilo tsotlhe
di lokile.
Le ene o ne a obamela
melao ya Modimo, mme le
ene o letetse Mesia.
Ee, Moruti, re ntse re
go letile, fela ke tlamegile go
batla Nathaniele.
Filipo,
ntshale
morago.
178
Nathaniele,
o ko kae?
Ke mona,
ngwaneso.
Nathaniele, re
mo fumane yoo Moshe le
baporofeta ba ngodileng ka
ene, Jesu wa Nasaretha,
morwa Josefa.
Mesia? O buile nae?
Fela Nasaretha? Ga go sepe se se
molemo se ileng sa tswa Nasaretha. Mesia
a ka tswang jang tulong e e humanegileng,
e tlhokang kitso? O ne a tshwanetse go
tsalwa Bethelehema wa Juta.
E tla o iponele.
Johane o ne a bua
ka ga gagwe, mme
Andrea o na nae.
Ka nnete, Yo ke
MoIseraele wa pelo
e tlhwekileng.
Nyaa.
Ga o nkitse, goreng o re ke
na le pelo e e tlhwekileng?
O mpone
jwang? Ga go
ope yo o itseng
moo ke neng
ke le teng.
O Morwa Modimo.
O kgosi ya Iseraele.
Pele Filipo a go bitsa,
o dutse tlase ga setlhare sa feie,
Ke ne ka go bona.
A se se a go gakagamatsa?
O tla bona dikgakgamatso tse fetang tse.
O tla bona legodimo le bulegile, mme
baengele ba Modimo ba namelela le go
fologela godimo ga me. Tlaya. Re na le
mosebetsi o le montsi.
Filipo, a o
mmoditse sengwe
ka ga me?
179
Andrea a ya go batla
ngwanaabo go mmotsa
ka ga Jesu.
Petoro, re bone
Mesia yo Johane o
buang ka ga gagwe.Leng? Ko kae?
O jwang? A go bangwe
ba mo salang morago?
E tla o
bone.
O Simone morwa Jona,
fela o tla bidiwa Petoro.
Ke tla neela
bagaetsho mokoro ona
mme ke go latele.
Ka bonako Jesu a bo a ikhethetse banna ba le some-pedi
ba mo salang morago, mme ba utlwa dithuto tsa gagwe.
Bat la bitswa barutwa ba le some-pedi. Ba tsena motse
le motse ba rera efangedi ya bogosi jwa Modimo.
Jesu le barutwa ba gagwe ba
tsena mo tempeleng go rapela,
fela e ne e tletse ka thekisetso.
Baperesita
ba leswafetse. Ba
dira papadi ka dilo
tse rekisiwang mo
tempeleng.
Goreng ke
tshwanetse go fetola
madi a me pele ke a
neela mo tempeleng?
Ekete o dira papadi
e kgolo ka rona.
Baperesita
ba re se
se siame.
180
O dira eng? O na le ura
a eme felo go le gongwe, a sa
bue sepe, a loga megala e re sa
itseng gore ke ya eng.
Re dirile papadi e
bonagalang kajeno. Go
botoka go na le go dira
Seitei!
O dira seitei!
Ntlo ya ga Rre e tshwanetse
go nna ya thapelo, fela lona lo
e dirile logaga lwa dinokwane.
E tlhwekiseng. Jaanong!”
Ntlo ya Rre wa gagwe!
O akanya gore ke mang?
Mesia?
Se diring ntlo
ya ga Rre ntlo
ya thekisetso.
Lo setlhopa sa
dinokwane.
CRASH! CRASH!
181
Lo losika lwa
mabolobolo. Lo tima
batlholagadi dijo.
Ijoo!
O nagana
gore ke
mang?
Lo dira
dithapelo tsa
boitimokanyi
tse telele.
Tshwara o utlwe! Tshwara o utlwe!
Tshwaatla! Tshwaatla!
Tshwara o utlwe!Tshwara o utlwe!
Thuli! Thuli! Ga lo rate
bangwe ka lona,
lo rata madi a
bone fela.
182
Fa lo tla ntlong ya
ga Rre nako e tlang,
lo tle go ipobola
dibe tsa lona.
A lo gopola temana
e e buileng ke Dafita
ka ga Mesia?
Ee, tlhoafalo ya ntlo ya
Modimo e mmeditse, gonne
baba ba Modimo ba lebetse
lentswe la Modimo.
A lo a itse, gore
baetsi-dikwalo ba ruta gore,
etlaare fa Mesia a tla, o tla tla
ntlong ena ka tshoganyetso.
Ke akanya gore o
Jesu wa Nasaretha yo Johane
o buang ka ga gagwe. O dirile
mathata a le mantsi gompieno.
O tla re bontsha sesupo sefe?
Sesupo sa gore ke
Mesia se tla bonala fa lo
ka senya tempele ena,
mme nna ke tla e tsosa ka
malatsi a le mararo.
Go nkile dilemo di le
46 go aga tempele ena,
mme o akanya gore o ka e
aga ka malatsi a le mararo?
Seo ke lonyatso!
Fa o ka boa
gape fano, re tla go
isa kgolegelong.
Jesu o ne a bua ka tempele ya mmele wa gagwe,
fela a se tlhalose, gonne a sa batle gore ba tlhaloganye.
183
Jesu le barutwa ba gagwe ba tswa kwa
Jerusalema ba leba Nasaretha, motseng wa bo Jesu
Oh, Jesu, o tsile
gae. Tsisa ditsala tsotlhe
tsa gago, mme re tla
lo apeela dijo.
Mme, ga re kitla
re dula sebaka—ke
sabata sena fela.
Jaaka e le tlwaelo ya
gagwe, Jesu o ne a ya
senagogeng ka sabata.
Re thabile go bona mongwe wa rona a
khutlile le ditsala tsa gagwe. Re ntse re utlwa
dilo tse gakgamatsang ka bone. Re ka thabela
go utlwa go feta ka ga bone.
Fela jaanong, Jesu, a
o ka re direla molemo
wa go re buisetsa
makwalo gompieno?
Jesu a retologela go
moporofeta Jesaya, a
fumana seporofeto se
itsagaleng ka ga Mesia.
Mowa wa Morena o fa go nna, gonne
o ntloditse go rerela bahumanegi efangedi, le
go neela difofu pono, go golola ba tlamilweng,
le go rera gore nako e tsile gore Modimo o
tsisetse batho ba one pholoso.
Seporofeto se,
se phetagetse
gompieno.
184
O morwa
mmetli.
Mo kgobotletseng
ka majwe. O ipua
gore ke Mesia!
Matshwafo
tlase. Re a
tsamaya.
Jesu le barutwa ba gagwe ba
fitlha kwa Kaperenaume, motse o
gaufi le moo bangwe ba barutwa
ba gagwe ba neng ba tshela teng .
Ba tsena mo senagogeng gape.
Mme moporofeta a re Mesia o
tla nna lesedi la Baditshaba, mme
ba tla mo tshepa. Go sego yo o
tlhwekileng pelong ya gagwe,
gonne o tla bona Modimo.
Modimo ga a kitla a leleka ope
yo o tlang go ene, ele Mojuta
kgotsa Moditshaba.
Wena yo o
Boitshepo.
Re tlogele.
Ke a itse gore o
mang. O Moitshepi
wa Modimo.
O na le
mademona. Mo
tloseng mona.
A o tsile go re
nyeletsa pele go nako?
Re tlogele. Ke eng se re
se kopanetseng nao?
Ke mangy o o
mo tsisitseng mona?
tlhokomelang!
O kotsi.
Mademone, ke a lo
laela go tswa monneng
yo, mme lo se tlhole lo
mo kgarakgatsa.
Thogako!
185
Tswaang!
EEEAAHHHH!
O mo
dirileng?
A o sule?
Mademone a dule.
O gololosegile.
Tsamaya, mme o
se tlhole o leofa.
Ka tshoganyetso,
a emelela ka dinao tsa gagwe.
O na le taolelo
godimo go mademone.
Monna yo o fodile.
Petoro, mosadi wa gago a re
o tle gae. Mme wa gagwe o tshwere
ke letshoroma le legolo.
Re etla.
Oh, Petoro,
monna wa me, Ke a
boifa. Letshoroma
le a etegela.
Se boife.
Moruti o fano.
186
Nanoga, mme
yo rategang,
bolwetse jwa
gago bo fodile.
O a tsoga!
O fodile!
A nanoga bolaong ba gagwe, mme
a direla Jesu le barutwa ba gagwe.
Mantswe a phodiso a
itsagale, mme ba tsisa
batho ba le bantsi ba
lwalang go Jesu.
Moruti, Rre wa me e
ntse e le seretsa fa e sale ke
le mosimane, o ne a wela ke
logong, mme la mo roba
mokwatla. Tlhe, re thuse.Ema o tsamae.
Kgalalelo go
Modimo!
Ke kgona
go tsamaya!
Ke motlholo!
Moruti, morwadie
wa me o tsetswe e le
sefofu, A o ka thusa?
187
Jaaka makwalo a bua,
'Difofu di tla bona.'
Morwadie wa
gagojaanong o a bona.
Ntate, A
ke wena?
Oh Ntate, Ke
ne ke sa itse gore o jwang,
fela o motle go feta ka moo
ke neng ke akanya.
Jesu le barutwa ba gagwe ba fologela
kwa Jerusalemaka malatsi a moletlo,
mme Jesu a ruta mo tempeleng.
Lo utlwile gore bagolo-golo
ba re o rate ditsala tsa gago,
mme o ile baba ba gago, fela
ke lo raya ke re: Ratang baba
ba lona, lo ba direle molemo.
Fa mongwe a go roga, se buseletse
thogako, fela rapelang gore ditshegofatso di
khutlele go bona. Se o ratang batho ba se
go direla, le wena o se ba direle.
Fa batho ba lo sitela, lo ba itshwarele.
Lo tla tshegofadiwa fa lona le pelo e
tlhwekileng, gonne lo tla bona Modimo.
Fa lo dira kagiso, lo tla tshegofadfiwa.
O a reng ka leitlho ka
leitlho, leino ka leino?
Fa motho a go otla lorameng la molema,
mo neele la moja gore a le otle. Lo se tlale ntwa.
Fa mongwe ka wena a tlhoka kobo, mme o na le tse pedi,
mo neele e le nngwe. Fa a tshwere ke tlala, mo neele dijo.
Rara wa gago wa legodimo o tla bona seo,
mme a go tshegofatse.
Lo utlwile gore ga twe o seke
wa bolaya, fela fa o tenegetse ngwanaeno
kwa ntle ga molato, o tla nna mo kotsing
ya katlholo ya Modimo.
188
Lo utlwile gore ga twe monna a
se dire boaka, fela fa monna a lebelela
mosadi ka go mo eletsa, o setse a dirile
boaka nae mo pelong.
Baetapele ba
bodumedi ba bonagala
ba lokile kwa ntle, fela
ka mo gare ba tletse
masula otlhe.
Ba jaaka mabitla a sweufaditsweng.
Ka fa ntle a mantle, fela ka gare a tletse marapo
a batho ba suleng. Fa lo sa ba gaise ka tshiamo,
ga lo kitla lo bona bogosi jwa me.
Go mmila o o
atlhameng o o
isang tshenyegong,
mme bontsi bo
tsamaya ka one.
Ke mojako wa legodimo.
Fa lo tsena ka me, lo tla bona
botshelo jo bo sa khutleng. Mme
fa lo ka leka tsela e sele lo tla
swela moleong a lona.
Goreng o fodisa ka
letsatsi la Sabata?
Moshe o rile re se dire
tiro epe ka Sabata. Rara wa me o nthomile
go dira tiro ya gagwe. Mme ke
dira tseo a ntaelang tsone.
O itekanya le Modimo.
Seo ke thogako, mme e
otlhaiwa ka loso!
Ke thato ya Rara wa me
wa legodimo gore batho botlhe
ba obamele le go tlotla morwa,
jaaka ba mo tlotla.
Nako e e tla, eo ka yone baswi bat
la utlwang lentswe la me, mme ba stoge mo
baswing, bangwe go ya botshelong bo sa khutleng,
bangwe go ya katlholong e e sa khutleng.
Ka nnete yo ke Mesia.
O simolotse ka metlholo,
mme jaanong o bolela
jwalo ka bopelokgale.
Ga a tshwane le baetapele
ba bodumedi. O bua ka taolelo. Ke
boifa gore ba tsile go mmolaya.
Ke tshwanetse go
tsamaya go ya go bolelela
mosadi wa me.
189
Goreng a tla bosigo?
A o tlhajwa ke ditlhong go
bonwa a bua le Jesu?
Moruti, go Mofarasai
fano yo o eletsang go go bona.
Ke monna yo o botlhokwa,
moetapele wa Bajuta.
Ke tlaya go
bua nae re le
babedi fela.
Moruti, rona
baetapele ba BaJuta re a
itse gore o moruti yo o tswang
go Modimo, gonne ga go ope
yo o ka dirang metlholo e fa
Modimo a sena nae.
Fa o sa tsalwa
sesha, ga o kitla o bona
Bogosi jwa Modimo.
A ke tshwanetse go boela
sebopelong sa ga mme, mme
ka tsalwa la bobedi?
Nyaa, nama e
tsala nama, mme Mowa
o tsala Mowa. Nikodemo,
utlwa se ke go bolelelang
sone. O tshwanetse go
tsalwa sesha. Tsalo sesha e, e
diragala jwang?
Tsalo ya semowa e ke
buang ka yone, e tshwana le phefo,
fela re e utlwisisa jalo. O tshwanetse
wa tsalwa go tswa godimo fa o batla
go bona bogosi jwa Modimo.
Jaaka Moshe
a ne a tsholetsa noga
ya khotlo sekakeng, le
nna ke tshwanetse go
tsholediwa jalo.
Fela ba ne ba bolawa
ke dinoga gonne ba leofile
khatlanong le Modimo. Mme
fa ba leba noga ya khotlo ba
ne ba fola ka nako eo.
190
Ee, le jaanong batho ba a swa ka
bothlole jwa noga ba sebe. Mme nakong ena
ke tla tsholediwa gore batho botlhe bam pone.
Mme ba lomilweng ke sebe, ba tla bona
kgololosego ka go dumela mo go nna.
Gonne Modimo o ratile lefatshe mo go kalo,
mo a neng a neela ka Morwa one yo o tsetsweng
a le esi, gore mongwe le mongwe yo o dumelang
mo go ene a seke a latlhega, mme a nne le bophelo
bo sa khutleng, yo o dumelang mo go nna o na le
bophelo jo bo sa khutkeng, mme yo o sa
dumeleng o setse a atlhotswe.
A o a re: Tsalo
sesha key one phodiso
ya sebe, le gore o tsile go
pegwa godimo ga kota
go tlisa kgololo.
Tsalo sesha e,
e tla diragala leng?
Fa ke sena go
tsholediwa gore
botlhe ba mpone.
191
Basamaria ban e ba tshela
gare go Jerusalema le Galalea.
BaJuta ba ne ba sa batle go
kopana nabo, le eseng go feta
motseng wa bone, gonne ban e
ba dumela gore BaSamaria ba
leswafetse ka fa moweng. Tsatsi
lengwe Jesu a gakgamatsa
barutwa ba gagwe a re:
Tlayang, Ke
tshwanetse go feta
kwa Samaria.
Morena, ba leswafetse,
ba tlhoka kitso! Ba
humanegile mme maitsholo
a bone a bodile.Ke thato ya ga
Rara gore ke fete
ka Samaria.
Motshegare wa
sethoboloko ba fitlha
mo motsweding o o
kwa ntle ga motse.
E yang motseng
mme lo reke dijo.
Ke tla lo letela fano
mo motsweding.
A o tsile go
sala o le
mongwe? Ee, Ke
tshwanetse go
dira tiro ya
Rara wa me.
Jesu o ne a lapile, a nyorilwe, mme
a tshwere ke tlala. Le fa ene e se
nako ya tlwaelo gore basadi ba tle
sedibeng, mosadi wa MoSamaria o
ne a tla go gelela metsi.
192
A o ka nneela
metsi go nwa, go tswa
nkgong ya gago?
Ha! Goreng, wena
monna wa MoJuta, o
kopa metsi mo go nna, ke
le mosadi wa MoSamaria?
Ke ne ke akanya gore
lona BaJuta ga lo re
sepe ka rona.O ka bo o itse neo ya
Modimo, le gore ke mang, o ka
bo o nkopile, mme nka bo ke go
neetse metsi a tshelang.
A o batla go
nneela metsi? Ga ona
segelelo ebile motswedi o
botennye. O tla tsaya kae
metsi a tshelang a?
Fa o nwa metsi a sediba se
o tla nyorwa. Fela metsi a go ke
neelang one a tla nna mowing wa
gago jaaka motswedi o o elelang
botshelong jo bo sa feleng.
Nneele metsi a
tshelang ano, gore ke
se tlhole ke nyorwa.
Tsamaya o ye go
bitsa monna wa gago,
ke tla go bolelela ka
metsi ano.
Ga ke na
monna.
O ntse le ba le
tlhano, mme yo o
tshelang nae ga
se wa gago.
Ka nnete
o moporofeta fa
o itse dibe tsa me
tse fitlhegileng.
Lona Bajuta lo obamela kwa
Jerusalema, mme borraetsho ba
direla mo thabeng ena. Ke thaba
efeng e loketseng go obamela?
Modimo ke Mowa.
Ga a direlwe mo ditempeleng
tse dirilweng ka diatla tsa batho.
Modimo o batla batho ba bat la
dumelang nnete, mme ba mo
obamele ka mowa.
Re a itse gore
Mesia o etla, mme e
tla re fa a tsile o tla
re senolela nnete.
O bua le
Mesia.
Ke tshwanetse go ya
go batla ditsala tsa me
le go ba bolelela!
Jesu o ne a dula Samaria
malatsi a le mabedi, mme a ruta
batho lentswe la Modimo.
193
Tsatsi lengwe Jesu le barutwa ba gagwe, ba ne ba le
thabeng e e okameng noka ya Galalea. Batho ba le
dikete ba ne ba dule motseng go mo utlwa a rera.
Fa o neela bahumanegi
madi, se dire seo mo phatlalatseng
mo o bonwang ke ba bangwe. Fa o dira ditiro tsa
bodumedi gore o tlotlwe ke batho,
Ga o kitla o putswa ke Modimo kwa
legodimong. Ka jalo a letsogo la
gago le le jang, le se itse se la
molema le se dirang.
Moruti, Go setse go
le thari, mme batho ba
dutse le rona motshegare
otlhe. Ba tshwere ke tlala,
mme motse o kgole gore ba
ka ya go ithekela dijo.
Ba golole
jaanong gore ba ye
go ithekela dijo.
Moruti, tsaya dijo
tsa me. Mme wa me o
nneetse dinkgwe di le
tlhano, le ditlhatswana
tse pedi.
Ba botse ba
dule fatshe, mme re
tla ba neela dijo.
Ka eng?
Se senye matla le nako ya
gago yotlhe gore o hume. Gonne
bahumi ba na le mathata a fetang
a botlhe, mme ba rata khumo ya
bone thata, mo go leng thata go
bone go kena legodimong.
Se ikgobokanyetse matlotlo
lefatsheng lena, fela ikgobokanyetse
matlotlo legodimong moo a tla dulang ka
bosakhutleng. Ga lo kitla lo direla barena
ba le babedi, Modimo le madi. O tla ila yo
mongwe mme o rate yo mongwe.
Fa o rapela se boaboeletse
mafoko, jaaka baetapele ba lona,
gonne ba ema phatlalatseng mme
ba bontshe kobamelo ya bone.
Fa o rapela, se dire
jaaka baitimokanyi, ba
rapelang phatlalatseng
gore ba bonwe ke batho.
194
A re bone. Go
bonala ekete re na le
ditlhapi le dinkgwe.
Fela, Moruti, ga di
kitla di fepa motho
a le mong, O a
reng ka 5,000.
Adimang dikgamelo
tse some-pedi, mme
lo ipakanyetse go
neela batho dijo.
Go sego wena,
Morena Modimo
wa rona, kgosi ya
lefatshe, yo o
ntshang senkgwe
mo lefatsheng.
O dira eng, fa
a tsholella dijo
tsele ka fa gare
go kgamelo?
Bonang! Dijo
tsotlhe tsele di
tswa kae?
195
A Modimo
o bakwe!
O re neela
senkgwe go tswa
legodimong…jaak
a Moshe.
Mme ga a kitla
a dumela sena!
Fa batho ba tsaya
senkgwe le tlhapi mo
kgamelong, dijo tsone
tsa oketsega le go feta.
Moruti, botlhe ba jele,
mme dikgamelo di sa
tletse. Re palelwa ke
go di fetsa!
Kgobokanyang masaledi,
mme wena le ba bangwe lo
tsaye mokoro go ya ka kwa ga
letsha. Ke tla lo bona morago.
Ke tshwanetse go ya
thabeng go rapela.
Jesu a ya thabeng
a le mongwe, mme
barutwa ba gagwe ba
tsena mo mokorong ba
ya ka kwa ga letsha.
Jesu o ne a ya ka gale
sekakeng go rapela.
196
Erile barutwa ba le fa gare ga letsha,
ga tsoga phefo e maatla, moo ban eng
ba akanya gore mokoro o tsile go nwela.
Ga ke so bone
sefefo se se
mpe jaana. Ga go se re
ka se dirang.
Re tsile
go nwela!
Bonang!
Go sengwe
mo metsing!
Ke sepoko! Ke sepoko!
Ke motho yo
o tsamayang fa
godimo ga metsi!
Petoro,
ke Nna,
se boife.
Morena fa ele wena,
ntumelle go tla go wena
ke tsamaya godimo ga
metsi, jaaka o dira.
E tla go
nna, Petoro.
197
Ke e tla,
Morena.
Nyaa, Petoro!
Petoro o ne a tsamaya mo
metsing a labile go Jesu.
Erile Petoro a bona makubu
a magolo, a tlosa matlho a
gagwe go Jesu, a boifa.
Poifo ya nyeletsa
tumelo ya gagwe, mme
a simolola go nwela.
Morena,
mpholose!
198
Petoro,
o ne wa simolola
go mpelaela.
Jesu a tsisa Petoro
mo mokorong,
ba tsamaya fa
godimo ga metsi.
Petoro, o
tsamaile godimo
ga metsi!
Jesu a kgalemela difefo,
mme ga nna le tidimalo.
Tloga fa go nna,
Morena, gonne ke
motho yo o bosula.
Ka nnete o
Morwa wa
Modimo.
Keresete
wa Iseraele.
Morena wa
me le Modimo
wa me.
Kagiso,
didimala.
199
Moragonyana
Malatsi a a moletlo
a pitlagane. Go batho mona ba
tswang lefatsheng lotlhe, bangwe
ba tswa Roma le Egepeto.
A re tsamaye
ka tsela ya diibo.
O ntse a le mona
lobaka lo lo leele.
A o rata
go ka fola?
Ga go ope
go ka nthusa.
Nanoga, tsaya bolao bag
ago, mme o tsamaye.
O Jesu, a ga go
jalo? Ke utlwile ka
metlholo ya gago.
A motlae o mogolo.
Monna yo wa mosokodi
o ntse a le seretsa
dinyaga di le 38.
Ena ke sabata e e
boitshepo. Ga a na tokelo ya
go sitela kagiso ya rona.
200
Ke a utlwa gore ba
batla go mo tlosa mona.
Gonne batho ba mo neela
kutlwello e kgolo.
Ee, gonne o
dirile gore batho ba
dumele gore a ka
dira metlholo. Jesu yo o akanya
gore ke mang, Mesia?
Maoto a
gagwe! A gola!
A Modimo a
bakwe! Morago ga
dinyaga tse tsotlhe!
Se ga se
kgonagale!
O a
emelela!
Jesu ke
Mesia!
Goreng o
fodisa ka letsatsi
la Sabata?
Moshe o re
laetse go ikhutsa ka
letsatsi la Sabata.
A o letleletswe go dira go
ntsha pholo ya gago mo mosimeng
ka sabata. A ke tlola molao ka go
fodisa motho ka Sabata?
Rara wa me o dira ka
Sabata, mme ke dira se
ke bonang a se dira.
201
A re Modimo ke
Rre wa gagwe. O
itekanya le Modimo.
Mo tshwareng!
O tshwanetse go
kgobotlediwa go
ya losong.
Mmolaeng!
A lo ka bolaya motho
go fodisa ka Sabata?
O bua
kgatlanong le
molao wa rona.
Ga a bua
sepe kgatlanong
le molao.
Utlwang gore a reng.
Nkutlweng. Lo gakgamatswa
ke motlholo o le mongwe o ke o
dirileng. Lo tla bona metlholo e le
mentsi go feta ena. Jaaka Rara a
tsosa mo baswing, o nneetse
taolelo eo. O nneetse taolelo
yotlhe ya lefatshe.
Fa lo sa ntlotle, Ga lo
tlotle Modimo. Ammaruri ke
lo raya ke re, Ya dumelang mo
go nna o dumela mo go yo o
nthomileng, mme o tla bona
botshelo jo bo sa khutleng.
O ka neela
botshelo jo bo sa
khutleng jwang?
Nako e e tla, eo baswi ba tla
utlwang lentswe la me, mme ba tswe mo
mabitleng. Ba dirileng molemo ba tsosetswe
botshelong jo bo sa khutleng, fela ba dirileng
bosula ba tla latlhelwa letsheng la molelo e le
katlholo ya bo sa khutleng.
Eo ke thogako, ga
go ope yo o ka tsosang
baswi. Ke Modimo fela
yo o neelang botshelo
jo bo sa khutleng.
202
Ga lo dumele go nna,
fela Johane o ne a bua ka
go senolwa ga me, esita le
makwalo. Batlisisang
makwalo, gonne diporofeto
tsa one di supa ka ga me.
Lo se akanye gore
ke tla lo atlhola fa pele
ga Modimo. Molao wa ga
Moshe, o lo palelwang ke go
o tshola, o tla nna bopaki
katlhanong le lona.
O ke ene yo ba batlang go
mmolaya, fela o bua fa pela ga bone ka
bopelokgale, mme ga ba mo dire sepe.
A baetapele ga ba a itse gore yo ke ene
Keresete, Mesia wa Iseraele?
Baitsedikwalo ba re ga re
kitla re itse kwa Mesia a tswang teng,
fela yo re a itse go re ke morwa
mmetli wa kwa Galalea.
Lo a re lo a nkitse,
le gore ke tswa kae. Ga ke a tla
lefatsheng lena ka bogame, Rara
wa me o nthomile, fela lona ga lo
itse rara wa me, fela nna ke a mo
itse, mme o nthomile go lona.
O itse dilo tsotlhe.
O nkutlwile jang? A o ka solofela Mesia
go dira metlholo e fetang e
monna yo a e dirileng?
Dirang ka bonako
mme lo tshware
morogaki yoo.
Batho ba a mo
dumela. O tshwanetse
go didimadiwa.
Go bonala
go se molemo
nakong ena.
Yo ke Mesia yo
o neng a bolelwa
gore o tla tla!
203
Go sego
ba nyorelwang
tshiamo, gonne ba
tla tladiwa.
Go sego badira-kagiso
gonne ba tla bidiwa bana
ba Modimo. Ratang baba
ba lona mme lo ba
tshegofatse.
Fa mongwe a nyorilwe,
a a tle go nna mme a new.
Mowa o o Boitshepo o tla nna
mo go ene motswedi wa metsi a
a elelelang go ya botshelong
jo bo sa khutleng.
Ga a bue jaaka
setlhokotsebe.
Ba re ke karabo ya
dinyaga di le 4,000
tsa seporofeto.
Goreng lo sa tla nae?
O ne a eme fa pele ga lona.
Goreng lo sa mo tshwara?
O bua ka lorato
le boitshwarelo.
Ha, a o lo tsieditse le lona? A
bangwe ba bafarasai le baetapele ba
rutegileng ban e ba dumela go ene?
Jesu yo, o tshwanetse go swa.
Ga go motho
ope yo o buang
jaaka monna yo.
Nikodimo, monna yo o neng a
tla go Jesu bosigo, a bua a re:
A molao wa rona o
atlhola motho, pele o ka
utlwa se a se bolelang?
Nikodimo, a o mongwe wa
balatedi ba gagwe go tswa Galalea?
Batlisisa makwalo, gonne Mesia ga a tswe
kwa Galalea. O tswa Bethelehema wa
Juta, mme ke morwa Dafita.
204
O tsietsa batho ka
maaka a gagwe.
O bonala a na
le karabo ya
dilo tsotlhe.
Goreng re sa
romele mongwe
wa baitse-dikwalo
go mo tshwara ka
mafoko a gagwe?
Ke itse mongwe.
O botlhale mme o bogale.
Karabo ya gago ke eo.
Lerato ke phetagatso ya
Molao. Fa o rata mongwe
ka wena jaaka o ithata,
o tla khatla Modimo.
Moitse dikwalo o tla
go gwetlha Jesu.
Moruti, nka
dira eng, go bona
botshelo jo bo sa
khutleng?
Molao o
a reng? O a re, rata Morena
Modimo wa gago ka pelo yotlhe
ya gago, mowa, matla, lemogopolo
wag ago, mme o rate mongwe ka
wena jaaka o ithata.
E re ke go
botse kgang ena:
Ee, fela o feng?
Ga o raye botlhe, baheitene
esita le BaRoma?
Moperesita a mo
feta a rapame mo
tseleng, mme a feta
ka kwa, a se eme
go mo thusa.
Monna mongweo ne a
tswa Jerusalema a ya Jeriko,
a tlhaselwa ke dinokwane, tsa
mo tseela tsotlhe, mme tsa
mo logela go swa.
205
Fela jwalo le Molefi, monna yo
o khetilweng go dira mo tempeleng,
a feta, a ema, a lebelela monna yo o
gobaditsweng, fela seke a thusa.
Molemo ke ofe wa gore o
rata motho, mme o sa bontshe ditiro
tsa lorato? Fa o sa rate mongwe ka
wena, ga o rate Modimo.
MoSamaria a feta ka
tsela eo—monna yo o nyatswang
ke BaJuta, mme ba mo kaya a le
leswe. Erile a bona monna yo o
gobetseng, a rapame mo tseleng,
a seke a batla go itse gore
monna yoo ke MoJuta. MoSamaria a
mo utlwela-botlhoko,
a ema go thusa.
MoSamaria
a phepafatsa le go
tlama dintho tsa monna
yoo. Lorato la gagwe
e ne e se ka mafoko
fela ka ditiro.
MoSamaria a tsaya
monna yoo a mo pega eseleng
ya gagwe, a mo isa ntlong ya
kokelo, moo a tla ikhutsang le
go bona pholo teng.
Go lokile.
Ke go tshwere. Go
ise go ye kae o tla
ladiwa bolaong.
Ke tla duelela dibeke
tse pedi tsa borobalo le dijo.
Fa ba batla madi a le mantsi,
ke tla a duela fa ke feta
ka tsela ena gape.
206
O mpotsisitsegore mong ka
wena ke mang. Mpotse jaanong,
moagisane wa gagwe ke ofe
mo go bararo ba?
Yo o bontshang
boutlwelo-botlhoko,
ke ene.
Ka nnete!
O ka nna wa
tsamaya wa dira jaaka
MoSamaria oo.O ka rata
moagisane wa gago.
Seleele se!
Mo tloseng foo
pele Jesu a mo
dira morutwana
wa gagwe.
Ke thuto efe, e e
sa tsayeng sentle e?
Ga se ya nnete.
Batho bangwe ga ba
kgone go rata.
Lo utlwile go twe:
Rata ngwanaeno, fela o ile baba
bag ago, fela ke lo raya ke re, rata
baba bag ago, o tlhonolofatse ba ba go
hutsang, ba ba go ilang o ba direle
molemo, o rapelele ba ba go dirisang
bobe, mme ba go bogisa.
207