24
KGATISO 7 No 4 Phukwi 2013 Lekwalodikgang la Badirammogo la YBB eish ! Baatlelete ba Comrades ba gatlhamela letsatsi le phefo MODINI O TSHELA KA MAATLA A MOTLAKASE LE GO DIRA KA ONE Bafenyi ba ITEA ba a ipela

Eish #4 2013

  • Upload
    buidung

  • View
    321

  • Download
    10

Embed Size (px)

Citation preview

KGATISO 7 No 4 Phukwi 2013 Lekwalodikgang la Badirammogo la YBB

eish!

Baatlelete ba Comradesba gatlhamela letsatsi

le phefo

Modini o tsheLa ka maatla a

motlakase Le go dira ka one

Bafenyi ba itea ba a ipela

2

Tsebe ya Pele: Rre Koos Degenaar, Mokaedi wa Lefapha la Go Maketa le Tlhaeletsano mo Khamphaseng ya Mafikeng, o lebega a sa ntse a tletse botshelo fa a goroga kwa seteišeneng sa kemono-keng sa YBB ka nako ya Mmarathone o o thata wa Comrades.

Setshwantsho: Moh Annette Willemse

2 Google e a go batlela

3 Molaetsa wa motlatsa-mokanseliri

Eish!

4 Go akgolwa ga batlhatlheledi ba ba di gogang kwa pele

6 Baatlelete ba YBB ba taboga Comrades e e gwetlhang go di

feta tsotlhe mo hisitoring

8 Dinaledi tse tharo di tsabakela mo laoping

10 Go katisediwa KGWEBISANO go rotloetsa kgwebisano mo

Aforikaborwa

11 Mafoko a bomankge a botlhokwa fela thata

12 Tshela ka maatla a motlakase o bo o dire ka one

14 Dikgang tsa khamphase: Mafikeng

15 Dikgang tsa khamphase: Potchefstroom

16 Dikgang tsa khamphase: Khutlotharo ya Lekwa

17 Bomankge ba YBB ba itse se ba buang ka sone

18 YBB e di goga kwa pele ka kemonokeng ya go ruta ka go

toloka. Ema nokeng letsholo la go lwantsha ditiro tsa

boferefere. Maitsholo ka tshedimosetso a re ama rotlhe

20 Batho ba rona

21 Batho ba ba sa iponeng tsapa go thusa ba bangwe

22 Bafenyi ke...

23 Tshegetsa mafoklo a WAT ka madi mme o fenye

A o kile wa ipotsa gore go diregang fa o sena go tlanya lefoko o bo o tobetsa enter? Sedirisiwa sa go batla tota se kokoanya jang tshedimosetso? A re tseye gore o batla go itse gore Lengau le taboga ka lobelo lo lo kae. O tlanya "lobelo lwa lengau" mo teng ga lebokosopatlo. Go bo go direga eng? Sedirisiwa sa patlisiso se se jaaka Google se dirisa dilo tse di bidiwang "spiders" go sekena ditsebe tsa webo se bo se tlhomaganya kaedi ya ditsebe go ya ka kgatotharabololo e e kgethegileng (mokgwa-tsamaiso wa go rarabolola dipalo). Fa o batla tshe-dimosetso, tota Google e batla fela mo ditsebeng tse di setseng di rulagantswe ka kaedi ya tsone mme ga e batla mo inthaneteng yotlhe. Mafoko a konokono a o a dirisang mo ditsebeng tsa gago le tsela e o a dirisang ka yone a supetsa sediriswa sa go batla gore go na le eng mo tsebeng ya gago, gore sediriswa sa go batla se kgone go bona tsebe ya gago fa se tshwanelwa ke go dira jalo. Kgatotharabololo ya sediriswa sa go batla e tla "naya ditsebe maemo" ka go leba dilo dingwe, jaaka:• Gore a o dirisa mafoko a gago a konokono mo ditennyeng tsa gago?• A o na le mafoko a konokono mo setlhogong sa gago le mo URL?

Webosaete ya YBB e dirisa sediriswa sa go batla sa Google se se dirisang melaometheo e e tshwanang le ya sedirisiwa sa go batla sa Google, mme e batla fela ditsebe mo bonnotirisong jwa khomphiutha jwa YBB. Ka jalo, mo nakong e e tlang fa sebatli sa gago se sa tlhagise ditsebe tse o di batlang, simolola ka go rulaganya mafoko a konokono ka tsela ya gago le go tlhomamisa gore o tokafaditse tsela ya go batla ditsebe ga sediriswa sa gago sa go batla.

Dintlha tse Di kgatlhang ka google:• Tsebegae ya Google e teng ka dipuo di le 80.• Yahoo e ne ya gana tshono ya go reka Google ka $1 milione ka 1997. Gompieno, Google e ja $200 bilione mme Yahoo yone e ja $20 bilione.• Google e na le disefara tse di fetang 1 milione – 2% ya palogotlhe ya tsa lefatshe lotlhe.• Google e amogela dikopo tsa go dira patlisiso tse di fetang 1 bilione letsatsi le letsatsi. Ke mo e ka nnang 40 000 motsotswana mongwe le mongwe.*Setlhogo seno se na le tlhaloso e e tlhofofaditsweng go

feta selekanyo ya gore didirisiwa tsa go batla di dira jang.

Go bona tshedimosetso go ya pele ka ditlhogo tseno, e

batla mo Google!

mokgwa o sedirisiwa se se gakgamatsang sa patlisiso se dirilweng ka one

KAEDI

setlhopha sa Batseleganyi: Nelia Engelbrecht le Marelize Santana, Louis Jacobs, Phenyo Mokgothu, Pertunia Thulo, Kiewiet Scheppel, Annette Willemse, Elmarie Cronje, Rolien

Roos, Sharon W Dzwairo. Diphetolelo: Willie Cloete, Johan Zerwick, Peter Mekgwe, Solomon Khunou, Marietjie Delport, Wilna Liebenberg. Baakanyetsi le popo ya di-tsebe:

Graphikos. Bagatisi: Ivyline Technologies. Ditshwantsho: Maclez Studios, Nelia Engelbrecht, Pertunia Thulo, Phenyo Mokgothu, Kiewiet Scheppel, Annette Willemse. katuni:

Mynderd Vosloo. go ka botsa gape / kwalelano: Nelia Engelbrecht – Mogala (018) 299 4937 Lebokoso la poso 260. Eish! e bopiwa mme e gatisiwa ka Setswana, Seesimane le

ka Seaferikanse ke Lefapha la Merero ya Korporatifi le Kamano ka mo Ofising ya Setheo ya YBB. Fa o ka tlhoka dikhopi tse dingwe gape, ka kopo, ikopantse le Nelia Engelbrecht.

3

Ke dumela gore mongwe le mongwe wa lona o tla dumela gore, dingwaga di le robongwe morago ga ditheo tsa rona di sena go kopanngwa, YBB e ntshi-tse ga tshwene mo ditirong tsa yone. Tshedimosetso ya setheo e bontsha fela thata gore re gaufi le go fitlhelela maikemisetso a rona a go nna setheo se se dirang dilo ka tekatekano sa patlisiso ka go ruta le go ithuta.

Malebana le go dirwa ga ditiro tsa konokono, gantsi re ntse re nna mo maemong a ntlha a marataro mo diyunibesithing di le 23 mo Aforikaborwa. Seno e le ruri ke phitlhelelo e e seng kana ka sepe – segolobo-golo fa re leba ntlha ya gore re ne re se ditheo tse di kopaneng dingwaga di le 10 tse di fetileng.E re ka go le botlhokwa gore re tswelele pele go itshekatsheka, Lekgotla le tlhomile phanele e e dirang mo dinageng di sele gore e dire ditshekatsheko mo tshimologong ya 2014 ya bokgakala jo ka jone YBB e fitlheletseng mekgele le maikaelelo ka jone ya go kopanngwa ga ditheo tsa rona. Phanele eno, e modulasetulo wa yone e leng Mop Frans van Vught go tswa kwa Netherlands, e na le bomankge ba le bantsi ba dinaga di sele le ba naga ya rona, mme e tla tlhoma mogopolo mo go tliseng diphetogo,

mo go direng gore YBB e nne le maemo a e a tsh-wanelang, tiro ya konokono (go ruta le go ithuta, go dira patlisiso le go tsenngwa tirisong ga bokgoni jwa tiro) mmogo le go atlega mo go tsa botsamaisi le taolo.

Re a tlhaloganya gore seno ke porojeke e kgolo tota e e tla felelang ka go nna le potefolio ya gore setheo se itshekatsheke. Moragonyana, ke tla umaka dintlha tse di oketsegileng tsa porojeke tse di tla etelelwang pele ke ofisi ya me.

E re ka ke le gaufi le go felelwa ke tiro ya me ya ko-tara ya bobedi ya go nna motlatsamokanseleri wa YBB ka Motsheganong 2014 e bile Mop Mosia a tlile go rola tiro ya go nna mokwadisi go simolola ka 1 Phukwi 2013, Lekgotla le amogetse thulaganyo ya gore diphatlhatiro tseno ka bobedi di tladiwe kwa bokhutlong jwa 2013. E re ka mokwadisi yo moša a tlile go simolola tiro ya gagwe ka Ferikgong, nna ke tla dira le motlatsamokanseliri yo o tlhomilweng go simolola ka Ferikgong go fitlha ka Motsheganong 2014. Thulaganyo eno e tla tlhomamisa gore mae-mo a nna a ritibetse mo setheong, go tlhomamisa gore dipholo tse di ntseng di oketsega di kopanngwa sentle le gore dilo di laolwa ka tshwanelo.Semesetara ya bobedi e tla tla ka dikgwetlho tsotlhe

tse di tlwaelegileng le maemo a a tla re kgatlhang.Ke anaanela thata boineelo jwa lona le go rata ga lona tiro le sengwe le sengwe se lo se direlang tiro ya setheo!

Eish!, Motlakase ke puo e e buiwang Go buiwa thata ka maatla a motlakase mo malatsing

ano. Re utlwa go buiwa ka tshomarelo ya motlakase, eneji e e sa fetlhiweng ke motšhine wa yone le go boloka eneji. Go boilwe go tlotlwa gape ka mot-lakase mo kgatisong eno ya Eish! Mo athikeleng e e buang ka Mop LJ Grobler,modini wa Boenjenere mo Khamphaseng ya Potchefstroom, re buisa ka tselaw e eneji e leng karolo ya tiro ya gagwe ka gone le ya botshelo ka kakaretso. Mop LJ gape o matlhagatl-haga mme o dira dilo di le dintsi ka nako e le nngwe. Botshelo jwa gagwe jo bo matlhagatlhaga jaaka jwa gagwe gantsi bo dira gore a atlege mo dilong di le dintsi. Eish! eno e tletse ka dikai tsa ka fa maloko a mangwe a YBB a dirisang maikatlapelo a bone ka gone le ditalente le ka fa ba ileng ba lebogelwa seo ka gone. Buisa tsebe 4 le 5 ka tsela e maemo a a kwa godimo ya go ruta le go ithuta e ileng ya lebogwa ka diawate tsa ITEA ka gone mme mo tsebeng 11, ka fa mafoko a bomankge ba rona mo metsweding ya dikgang a ileng a dira gore ba newe moputso wa madi ka gone. Eleruri, nngwe ya ditsela tse dikgolo tsa go dirisa maatla e nnile go nna le seabe mo

Mmarathong o o boima wa ngwaga ono wa Com-rades. Tsebe 6 le 7 e tlotla ka kgang e e botlhoko eno le monate wa go fitlha kwa moleng wa phenyo. Kwa bofelong, seno se amana le go dirisa maatla ka go a somarela – a gago mmogo le maatla a a fetlhiwang go tswa mo metsweding ya sewelo fela ya tlhago. Nako ya mariga e mo go yone tiriso ya maatla a motlakase e golang e baka dikgwetlho tse di kgethegileng. A re gakologelweng go tima dipone tse re sa di tlhokeng, go dirisa dikobo mo boemong jwa dihitara le go "somarela ditsompelo tsa tlhago" ka go dirisa diphanele tsa motlakase o o dirisang mogote wa letsatsi le metswedi e mengwe e sele ya motlakase. (Leba Tsebe ya webo ya Eskom go bona maele a mangwe a go somarela motlakase.) E kete rotlhe re ka nna badirisi ba ba somarelang motlakase mo karolong ya bobedi ya ngwaga e e larileng kwa pele.

Buisang ka boitumelo,

Marelize & Nelia

go tsWa go motseleganYi

4

go akgolwa ga batlhatlheledi ba ba di gogang kwa pele Ngaka Alfred Henrico wa Khamphase ya

Potchefstroom o ne a newa maemo a go nna motlhatlheledi yo o ba gaisang botlhe mo YBB.E re ka a tswa kwa Sekolong sa Botsamaisi jwa Kgwebo mo Legorong la Disaense tsa Ikonomi le Botsamaisi, Ngaka Alfred o ne a dira go tlala seatla ka thulaganyo ya Diawate tsa Setheo tsa Maemo a a Kwa Godimo a go Ruta tsa 2012 kgotsa Institutional Teaching Excellence Award (ITEA).

O ne a newa Awate ya Motlatsamokanseleri e e me-lediwang mathe – sejana sa kamogano – go tswa go Ngaka Theuns Eloff, motlatsamokanseleri kwa mo-letlong wa dijo tsa maitseboa tsa ngwaga le ngwaga ka di 19 Moranang 2013.

Ngaka Alfred e ne e le mongwe wa bafenyi mo dikhamphaseng di le tharo ba ba neng ba gaisanela-na moputso wa ka kakaretso.

Bafenyi ba bangwe ba babedi mo dikhamphaseng e ne e le Mohumagatsana Irene Muller wa Sekolo sa Disaense tsa Thuto (Legoro la Dithuto ka Mekgwa ya

Batho) mo Khamphaseng ya Khutlotharo ya Lekwa

le Mohumagatsana Chipo Mavetera wa Sekolo sa Di-saense tsa Ikonomi le Ditshwetso (Legoro la Kgwebo le Botsamaisi) mo Khamphaseng ya Mafikeng.

Palogotlhe ya diawate tse di amogetsweng e ne e le 59, fa di bapisiwa le tse 49 tsa ka 2011. Mo gare ga batsayakarolo bano, ba le 17 e ne e le ba Khamphase ya Mafikeng, ba le 33 ba Khamphase ya Potchefstroom mme ba le robonngwe e le ba Kh-amphase ya Khutlotharo ya Lekwa. Khamphase ya Potchefstroom e nnile le koketsego e kgolo go di feta tsotlhe ya baamogedi ba diawate mme baakatemi ba bangwe ba le 13 ba ne ba amogela diawate tsa 2012 go feta palo ya ba 2011.

magoro a a eteletseng peleLegoro la YBB le le tlhagisitseng bafenyi ba bantsi go ba feta ba ITEA, 10, e ne e le Legoro la Bots-weretshi mo Khamphaseng ya Potchefstroom. La bobedi e ne e le Legoro le lengwe la Khamphase ya Potchefstroom, Disaense tsa Pholo, le le alositseng

batsayakarolo ba le barataro. Magoro a a amoget-seng diawate tse dintsi go feta a mangwe mo Kham-phaseng ya Mafikeng e ne e le Legoro la Temothuo, Saense le Thekenoloji le Legoro la Kgwebo le Bot-samaisi, leo lengwe le lengwe la one le neng le na le batsayakarolo ba le batlhano. Mo Khamphaseng ya Khutlotharo ya Lekwa Legoro la Dithuto ka Mekgwa ya Batho le ne la di goga kwa pele, ka bafenyi ba le barataro ba ITEA.

E dira jaanaITEA ke letsholo la baakatemi ba ba nnang le seabe mo tirong ya go ruta kwa YBB go ba rotloetsa gore ba tokafatse bokgoni jwa bone jwa go ruta. Jaaka karolo ya thulaganyo ya tshekatsheko ya ITEA, di-phanele di lekola diphotefolio tsa motlhatlheledi, ditshwaelo tsa baithuti, mokgwa o moša wa go dira dilo le tiro ya maemo a a kwa godimo ka nako ya fa setlhopha se kopane le tiriso ya thekenoloji mo tirong ya go ruta le go ithuta.

Bafenyi ba ITEA ba ne ba amogela diawate tsa bone ka nako ya moletlo wa dijo tsa maitseboa. Bone, kwa morago go tswa ka fa molemeng ke Ngaka Charles van der Vyver, Ngaka Jako Olivier, Rre Charl Blignaut, Ngaka Conroy Cupido, Ngaka Ané Verhoef, Ngaka Wian Erlank, Ngaka Louis van Staden, Rre Keletsomaile Motatsa, Ngaka Risimati Hobyane, Mop Bennie Linde, le Ngaka Pierre-Andre Viviers. Mo moleng o o fa gare ke, go tswa ka fa molemeng, Ngaka Buabeng Assan, Rre Nelson Chitma, Ngaka Jan Steenekamp, Mohumagatsana Colette Lotz, Ngaka Estelle Taylor, Mohumagatsana Viné Petzer, Mohumagatsana Nedine le Roux, Ngaka Mirna Nel, Ngaka Elrie Botha, Ngaka Karen van der Merwe, Ngaka Karin Botha, Mohumagatsana Beitshe van der Niet, Nagka Alfred Henrico le Ngaka Renato Coletto. Mo moleng o o fa pele, go tswa ka fa molemeng, ke Mohumagatsana Annatjie Stander, Ngaka Anél Terblanche, Mohumagatsana Karen Visser, Mohumagatsana Amanda Potgieter, Ngaka Theriso Tsambo, Ngaka Mariette Hitge, Mo-humagatsana Cornia Pretorius, Ngaka Cornelie Nienaber-Rousseau, Mohumagatsana Chipo Mavetera le Mohumagatsana Irene Muller.

5

khamphase Ya potchefstroom mofenyi sekoloBotsweretshi

Rre Charl Blignaut Dithuto tsa loago le tsa Puso

Ngaka Conroy Cupido Mmino

Mohumagatsana Retha Fritz Dipuo

Ngaka Jako Olivier Dipuo

Mohumagatsana Amanda Potgieter Dipuo

Mohumagatsana Cornia Pretorius Dithuto tsa Tlhaeletsano

Rre Wessie van der Westhuizen Dithuto tsa Tlhaeletsano

Mohumagatsanaw Colette Lotz Dithuto tsa Tlhaeletsano

Ngaka Anné Verhoef Filosofi

Ngaka Renato Coletto Filosofi

Disaense tsa Ikonomi le Botsamaisi

Ngaka Karin Botha Taolo ya Kgwebo

Ngaka Alfred Henrico Taolo ya Kgwebo

Ngaka Pierre-André Viviers Taolo ya Kgwebo

Mop Bennie Linde Disaense tsa Lefapha la tsa Badiri

Ngaka Herman Linde Disaense tsa Lefapha la tsa Badiri

Disaense tsa Thuto

Ngaka Andrew Abdool Thuto

Mohumagatsana Elize Harris Thuto ya Saense ya Tlhago

Rre Louis van Staden Thuto ya Saense ya Ikonomi le Botsamaisi

Boenjeneri

Ngaka Pieter van Vuuren Boejenere jwa Motlakase, Eleketeroniki le jwa Khomphiutha

Disaense tsa Pholo

Ngaka Ankebé Kruger Saense ya Go Tsamaisa Dikarolo tsa Mmele, Boitapoloso le Metshameko

Mohumagatsana Eloïse Botha Disaense tsa Thuto ya Go Dira ga Mmele, Dijo Tse di Nang le Dikotla le Badirisi Ba Dikumo

Mohumagatsana Neoline le Roux Disaense tsa Thuto ya Go Dira ga Mmele, Dijo Tse di Nang le Dikotla le Badirisi Ba Dikumo

Mohumagatsana Annchen Mielmann Disaense tsa Thuto ya Go Dira ga Mmele, Dijo Tse di Nang le Dikotla le Badirisi Ba Dikumo

Ngaka Cornelie Nienaber Disaense tsa Thuto ya Go Dira ga Mmele, Dijo Tse di Nang le Dikotla le Badirisi Ba Dikumo

Ngaka Jan Steenekamp Famasi

Molao

Ngaka Wian Erlank Molao

Ngaka Anél Terblanche Molao

Disaense tsa Tlhago

Ngaka Mariette Hitge Disaense tsa Khomphiutha, tsa Dipalopalo le tsa Mmetshe

Ngaka Leonard Santana Disaense tsa Khomphiutha, tsa Dipalopalo le tsa Mmetshe

Ngaka Estelle Taylor Disaense tsa Khomphiutha, tsa Dipalopalo le tsa Mmetshe

Thutabomodimo

Ngaka Risimati Hobyane Dithuto tsa Baebele le tsa Dipuo tsa Bogologolo

Bafenyi ba mo khamphaseng ke, go tswa ka fa molemeng, Mohumagatsana Irene Muller wa Khutlotharo ya Lekwa, Ngaka Alfred Henrico wa Khamphase ya Potchefstroom (mofenyi ka kakaretso) le Mohumagat-sana Chipo Mavetera wa Khamphase ya Mafikeng. Ba na le Ngaka Theuns Eloff, e leng motlatsamokanseleri (kgakala ka kwa mojeng).

Manaanethalo...mofenyi sekoloDisaense tsa Batho le tsa Loago

Ngaka Abigail Hlatshwayo Disaense tsa Loago

Mohumagatsana Theriso Tsambo Disaense tsa Loago

Temothuo, Saense le Thekenoloji

Rre Molekodi Matsipane Disaense Tikologo le tsa Pholo

Rre Ngoako Tsita Disaense Tikologo le tsa Pholo

Ngaka Oziniel Ruzvidzo Disaense Tikologo le tsa Pholo

Mohumagatsana Tabelo Maseng Disaense Tikologo le tsa Pholo

Ngaka Clovis Noutchie Disaense tsa Mmetshe le Bonetetshi

Kgwebo le Botsamaisi

Mohumagadi Karen Visser Disaense tsa Ikonomi le tsa Go Dira Ditshwetso

Rre Keletsamaile Motatsa Disaense tsa Ikonomi le tsa Go Dira Ditshwetso

Mohumagadi Chipo Mavetera Disaense tsa Ikonomi le tsa Go Dira Ditshwetso

Mohumagatsana Ntebo Moroke Disaense tsa Ikonomi le tsa Go Dira Ditshwetso

Rre Nelson Chitima Bobalamatlotlo

Thuto

Mop Buabeng Assan Dithuto tsa Pele ga Kalogo

Molao

Mohumagadi Linda Muswaka Dithuto tsa Pele ga Kalogo

khamphase Ya mafikeng

mofenyi sekoloDirutwa tsa Mekgwa ya Batho

Ngaka Elrie Botha Disaense tsa Maitsholo

Ngaka Karen van der Merwe Disaense tsa Maitsholo

Mohumagadi Irene Muller Disaense tsa Thuto

Ngaka Mirna Nel Disaense tsa Thuto

Mohumagadi Viné Petzer Disaense tsa Thuto

Mohumagadi Maritsi Partridge Dipuo

Disaense tsa Ikonomi le Thekenoloji ya Tshedimosetso

Mohumagadi Annatjie Stander Disaense tsa Bobalamatlotlo

Mohumagadi Beitske van der Niet Disaense tsa Bobalamatlotlo

Ngaka Charles van der Vyver Thekenoloji ya Tshedimosetso

khamphase Ya khUtlotharo Ya lekWa

Palo ya baakatemi ba le 54 ba amogetse diawate tsa ITEA tsa 2012

6

Baatlelete ba le robonngwe ba ba golaganeng le YBB ka tsela nngwe ba gatlhamela mogote

o o ntshang noga mo mosimeng, le diphefo ka 2 Seetebosigo 2013 gore ba wetse lobelo lwa Comrades e e gwetlhang go di feta tsotlhe pele ga nako ya go kgaolwa. "Mogote wa mowa mo moriting e ne e le didikirii tsa selesiase di le 32, mme go bonala mogote oo o ne o le kwa godimo ga 40 mo tseleng ka boyone," go bolela jalo baatlelete, e leng Rre Werner Coetzee wa Setheo sa Ditirelo tsa Semolao sa YBB. "Letsatsi le ne le re fatlha ka go tsabakela mo tseleng mme diphefo di ne di re kgoromeletsa kwa morago di sa fetse di tsamaya ka lobelo kwa 40 le 50 km/h," o bolela jalo.

"Batabogi bangwe ba ne ba namaletse fa thoko ga tsela ba idibetse – ga ke ise ke tsamaye ke bone sepe se se ntseng jalo. Fa ke fitlha fa letshwaong la 60 km, ke ne ka simolola go bogisiwa ke go gonega ga

Baatlelete ba YBB ba taboga Comrades e e gwetlhang go di feta tsotlhe mo hisitoring

mesifa mo ditlhafung tsa me ka bobedi le mo se-ropeng mme ka tshwanelwa ke go tsamaya sekgala sa bofelo sa 15 km."

Mme Werner o kgonne go fitlha kwa moleng wa phenyo ka nako ya 11:33:00 mme a newa mmentlele wa setlabošeng se se feditseng Com-rades ya sone ya bobedi ka go latelana. Ba-comrade bangwe ka ene ba YBB ba ba neng ba fetsa ka nako e ne e le Corrie Botha, Ockie de Kock, Willie Lubbe, Henro Erasmus, Rika Huyser, Koos Degenaar, Theo Malan le Chantalèze Harmse. Jaaka ka metlha, YBB e ne e na le seteišene sa kemonokeng kwa Camper-down, kwa letshwaong la 64 km. Baatlelete ba ne ba kgona go newa dino tsa mefuta yotlhe, diseneke tsa maikatlapelo le kemonokeng (jaaka setlolo sa go gonega mesifa).

"Mongwe wa mekgele ya gago ya konokono jaaka

motabogi ke go fitlha kwa seteišeneng sa kemono-keng sa YBB. Go bona leina la mothapi wa gago le go fitlhela go na le mongwe koo yo o tla go thusang go thoba pelo e le tota. Go dira gore o ikutlwe o kgethegile fela thata," Werner o bolela jalo.Jaaka mo ngwageng o o fetileng, Werner o ne a na le kopo e le nngwe fela. “Cream soda! Ke ne ka kalametsa moteme otlhe ka gangwe fela. Ambulanse e tala e ne ya boloka botshelo jwa me."

A o tla taboga gape mo ngwageng o o tlang?

"Gompieno ke ikutlwa ke sa batle go bona gape setl-hako sa go taboga gotlhelele mo botshelong jotlhe jwa me. Mme Comrades e a tshwakgola, mpotse gape mo dikgweding di se kae tse di tlang."

Go ya ka tshedimosetso e e neilweng babegadik-gang gore ba e phasalatse go tswa go Mokgatlho wa Mmarathone wa Comrades, 68% ya batsaya-karolo ba bangwe ba ne ba tlhoka thuso ya tsa kalafi go feta palogare ya dingwaga tse di fetileng.

Ditebogo: Rre Bertie Jacobs, wa Lefapha la Go Maketa le Ditlhaeletsano, wa Khamphase ya Potchefstroom

Fano ke fa kgwetlho e simologang gone. Rre Louis Jacobs, Mokaedi wa Ditlhaeletsano ka tsa Kgwebo le Kamano le Bana-le-Seabe ba Ofisi ya Setheo, Rre Christoff Swanepoel wa Lefapha la Go Maketa le Ditlhaeletsano mo Khamphaseng ya Potchefstroom le Rre Dumile Mlambo wa Lefapha la Go Maketa le Ditlhae-letsano wa Khamphase ya Mafikeng ke ban-gwe ba setlhopha sa baemanokeng sa YBB.

Ka Sontaga sa mogote o o ntshang noga mo mosimeng, baatlelete ba le 16 ba ba neng ba engwe

nokeng ke YBB ba ne ba simolola lobelo lo lo thata lwa 87 km la "motlhatlogo" go tswa kwa Durban go

ya Pietermaritzburg. Ba le robonngwe ba bone ba kgonne go kgabaganya mola o lobelo lo felelang kwa

go one ka nako.

moatleleteDimmarathone tse di Ta-bogilweng tsa Comrades,

kwantle ga wa 2013khamphase ya YBB / ofisi ya setheo / tlelapa

Corrie Botha16 Moithuti wa nako e e fetileng: Khampase ya Khutlotharo ya

Lekwa Nako: 08:16:05 AM

Ockie de Kock 2 YBB Pukke (Traumeel) Nako: 08:25:50 AM

Willie Lubbe 12 YBB Pukke (Traumeel) Nako: 08:25:50 AM

Henro Erasmus 3Leloko la badiri: Khamphase ya Potchefstroom Tlelapa ya Bert’s Bricks Nako: 09:46:14 AM

Rika Huyser 6Leloko la badiri: Khampase ya Mafikeng Lichtenburg Mara-thon Club Nako: 10:23:54 AM

Werner Coetzee 2 Leloko la badiri: Ofisi ya Setheo Nako: 11:33:00 AM

Koos Degenaar 15Leloko la badiri: Khampase ya Mafikeng Potch Road Runners Club Nako: 11:52:05 AM

Theo Malan 1 YBB Pukke (Traumeel) Nako: 11:53:36 AM

Chantalèze Harmse 2Leloko la badiri: Khampase ya Khutlotharo ya Lekwa Nako: 11:55:09 AM

James Botha 4 Leloko la badiri: Ofisi ya Setheo

Cliff Wallace 22Tlelapa ya Bert’s Bricks, Potchefstroom (Mogatsaa leloko la badiri ba YBB)

Johan Lamprecht 11Leloko la badiri: Khamphase ya Potchefstroom YBB Pukke (Traumeel)

Paul Harmse 10Mogatsaa leloko la badiri ba YBB, Khamphase ya Khu-tlotharo ya Lekwa Tlelapa ya Arcellor Mittal

Marius van Onselen 12 YBB Pukke (Traumeel)

Heyns Deacon 0Mogatsaa leloko la badiri ba YBB, Khamphase ya Khu-tlotharo ya Lekwa.Tlelapa ya Arcellor Mittal

Kaizer Phakati 4Leloko la badiri: Khamphase ya PotchefstroomYBB Pukke (Traumeel)

7

Ngwaga le ngwaga fa ke tswa Mmaratho-neng wa Comrades, ke simolola go rata thata dimonamone tsa di Jelly Baby, Deep Heat, ditšhokolete tsa Bar One le kgololesego ya go itlhophela. Ntlha ya bofelo fano e amana le tlhopho ya me ya gore KE SE KA ka ineela go taboga 'lobelo lo lo boima go a feta otlhe' ka go ikgoga (kgotsa mo boemong jwa moo ka go gamolega maikatlapelo otlhe a mmele) go tswa kwa Durban go ya kwa Pietermaritzburg. Ke kopa o ntlhaloganye – ke nna wa ntlha go akgola ope fela yo o fenyang kgwetlho eno ka dinao tsa gagwe le go fetsa tlhaloganyo e sa ntse e feletse, mme gape ke nna wa ntlha go umaka gore malebana le lobelo lo lo boima lono, ke nna ke ntse ke le motabogi wa com-rades mo boemong jwa go nna moatlelete! Seno se ka nna sa utlwala se sa tlwaelega – e bile se tshegisa, mme fa ke apara diaparo tsa me tsa go ema ba bangwe nokeng, ke ipona ke le fa thoko ga bagaka ba Comrades ba ba jaaka Bruce Fordyce le Elena Nurgalieva, ke tshem-atshema fela (!) go ya kwa moleng o lobelo lo felelang kwa go one Chariots of Fire e ntse e lela le batho ba letsa megolokwane... O ka nna wa tshega fa o batla, mme go na le sengwe ka Mmarathone wa Comrades se se dirang gore ke ikutlwe ke le mafolofolo– mme segolo ke itu-

Mosadi wa ga Ngaka Johan Lamprecht, Elmarie, le Rre Louis Jacobs wa Ofisi ya Setheo ba mo naya sengwe sa go ja pele ga sekgala sa bofelo sa mmarathone o o boima ono.

Setlhopha sa YBB ga se a ema setlhopha sa bone fela sa baatlelete nokeng mme le ba ban-gwe ba ba neng ba tlhoka thuso. Maryke Laas wa Lefapha la Go Maketa le Ditlhaeletsano wa Khamphase ya Potchefstroom le Rre Gregory Sekobotsane wa Lefapha la Ditlhaeletsano ka Tsa Kgwebo wa Ofisi ya Setheo ba thusa mota-bogi yo o gonegileng mesifa.

melela go bo ke le leloko la setlhopha. Setlhopha sa rona e ne e le se se itumedisang tota ka 2013. Ba ba neng ba di goga kwa pele mo setlhopheng sa rona e ne e le Louis Jacobs – yo go utlwalang a ne a ka kgona go itshedisa sentle ka tiro ya go kgweetsa dithekesi mo Durban. Ba bangwe 'ba bagolwanyane' mo setlhopheng sa baemano-keng e ne e le Corrie Landsberg wa Khamphase ya Mafikeng, le nna, go tswa kwa Khamphaseng ya Khutlotharo ya Lekwa mmogo le Dumile Mlambo (Khamphase ya Mafikeng), Gregory Sekobotsane (Ofisi ya Setheo), Mary-k Laas le Christoff Swanepoel (ba ka bobedi ba tswang kwa Khamphaseng ya Potchefstroom) go emela maloko a YBB. E ne ya re fa le tlhaba (letsatsi la mmarathone) ra ema kwa Camper Down mme mongwe le mongwe wa rona a lemoga gore o na le talente e e kgethegileng ya Mmarathone wa Comrades:louis: Bokgoni jwa go tlhoma tente ka ponyo ya leitlho (morago ga go batlana le lefelo le le tshwanelang sentle fa re sena go goroga kwa KZN ka Labotlhano).corrie: Bokgoni jwa go rotloetsa batabogi ka Se-zulu morago ga go nna modiri yo o ba gaisang botlhe wa go dira sefitlholo go sa le moso thata kwa Pietermaritzburg.annette: (ka maswabi) Bokgoni jo ke nang le jone jwa go supa phatlalatsa go sa kgone ga me go tsamaisanya seatla-leitlho-lenao (ke kgona go tshegisa – baemanokeng mmogo le batabogi). Dumile: Bokgoni jwa gagwe jwa go kwala melaetsa mo mmedieng wa gagwe wa botsalano ka go dirisa tablet le selulafouno ka nako e le nngwe fela.gregory: Bokgoni jwa go sidila mesifa e e gonegileng (e leng se se dirileng gore a newe leina le leša la maitirelo la Gregory ‘Magic Hands’ Sekobotsane).christoff: Bokgoni jwa go ngoka batabogi ka go ba naya ditapole tse di nang le letswai le di jelly baby mo e leng gore babogedi le bone ba batla go di lekeletsa – motho o ka di rekisetsa bontsi jwa batho mono!mary-k: O kgatsha batabogi ka seporei sa Deep Heat le go tsaya bidio. Ke sekai se sengwe sa ka fa mosadi a kgonang go nna marota ka gone.

Mmarathone wa Comrades o ruta motho go nna boikokobetso le go leka boitshoko jwa gagwe. O ikentshetsa ba bangwe setlhabelo ka go ba kgat-sha ka seporei sa Deep Heat, go ba naya pakana ya Goo (ya 'Moutlwalo wa Ratsuru' le 'Setoroberi se se Monate') le thini ya cream soda.

Salang sentle,Mo-Comrade e leng Annette Willemse, wa Go Maketa le wa Tsa Tlhaeletsano, wa Khamphase ya Khutlotharo ya Lekwa

Mmadi yo o rategang wa Eish!,

8

tsotlhe ke gore QS e ne e batla tshedimosetso e e kgethegileng e e kgonang go netefadiwa mme mo ditlhopheng dingwe re ne re sena mofuta o o tshwanetseng wa tshedimosetso. Ka mafoko a mangwe, re dira dilo tse di siameng, mme ga re na dintlha le dipalo tsa go di tshegetsa eo. "Bothata jo bongwe jo re neng re na le jone e ne e le jwa gore mo mabakeng a le mararo a a farologaneng ka nako ya thulaganyo ya go tsaya maduo ya QS, YBB e ile ya atlholwa go ya ka fa e lejwang ka teng mo lefatsheng lotlhe (ka mafoko a mangwe go ya ka maemo a e a newang ke batho) mo boemong wa go newa maduo a a e tshwanelang." Seno se diragetse mo ditlhopheng di le tharo: kgonego ya go thapa baithuti, leina la akatemi le e itiretseng lone mo go tsa patlisiso le maduo a mok-gwa wa yone wa boitshwaro. (Leba lenaanethalo le le tshwailweng ka *.)

go neWa maDUo go BapisiWa le go neWa maemoMme pharologanyo ke eng magareng ga go newa maduo le go newa maemo?"Go newa maduo go bapisa diyunibesiti e bile gan-tsi go ikaega ka megopolo ya batho – ka mafoko a mangwe, ka fa setheo sa gago se lejwang ka gone ke bannaleseabe ba ba jaaka baakatemi le baithuti mo lefatsheng lotlhe," Mop Nicholas o bolela jalo. "Ka fa letlhakoreng le lengwe, go newa maemo ke mokgwa wa go lekola o gantsi o tlhaolang ditheo go ya ka boleng jwa tsone, mo boemong jwa go di bapisa le tse dingwe." Go tshwantsha kamano fa gare ga go naya maemo le tsamaiso ya lefatshe lotlhe ya go naya maduo, motho a ka akanya ka boemo jwa yunibesiti e e kwa godimo e e neilweng maduo le maemo. Ka sekai, Yunibesiti ya Petroleum ya King Fahd le Dimenerale kwa Saudi Arabia e amogetse dinaledi di le nne mo tsamaisong ya go naya maduo ya QS, mme e mo maemong a bo 208 mo go nngwe ya ditsamaiso tsa go newa maemo tsa lefatshe.

go Dirisa DinaleDi tsa rona gore re tsaBakeleE re ka YBB e neilwe maduo, e na le 'laesense' ya go dirisa boemo jwa yone jwa dinaledi tse tharo mo

dinaledi tse tharo di tsabakela mo loaping

dingwageng di le tharo tse di tlang go itirela leina le lentle ka tsone. "Mo godimo ga go dirisa boemo jwa yone jwa maduo a dinaledi di le tharo fa e diri-sana le bannaleseabe ba yone, gape re ka kgona go dirisa setlhopha se le sengwe sa ditsela tsa go newa maduo go buelela yunibesiti," Mop Nicholas o bo-lela jalo. "Fa re umaka mekgwa e meša ya go dira dilo, ka sekai, re ka kgona go tshegetsa tshedimo-setso ya rona ka mabaka ka go umaka dinaledi di le tlhano tse re di amogetseng mo setlhopheng seo." Mop Nicholas o batla go bona YBB e nna le seabe gape mo tsamaisong ya go newa maduo. "Eno e ne e le kgato ya ntlha ya go dira gore YBB e itsiwe mo lefatsheng lotlhe mme re ithutile go le gontsi mo maitemogelong ano. Mo nakong e e tlang, re tshwanetse go tlhomamisa gore tshedimosetso ya rona e rulagantswe botoka gore e neye batlhatlhobi dilo tse di kgethegileng tse ba di tlhokang."

Bošeng jaana YBB e ne ya newa maemo a dinaledi tse tharo fa e sena go nna Yunibesiti

ya ntlha mo Aforika gore e tlhatlhobiwe le go newa maduo ka Tsamaiso ya Lefatshe Lotlhe ya go Naya Diyunibesiti Maduo ya Quacquarelli Symonds (QS) e e dirisiwang mo dinageng tsotlhe.

Tsamaiso eno e e dirisiwang mo dinageng tsotlhe ya go di naya maduo ke tsela ya go lekola boleng jwa ditheo ka botsone mo boemong jwa go di bapisa le tse dingwe, le go di letla gore di bontshe bokgoni jwa tsone go sa kgathalatsege bogolo jwa tsone, popego kgotsa maikaelelo a tsone. E lekola boleng jwa diyunibesiti ka go dirisa maemo-katlho-di a a farologaneng le go di naya betšhe e e nang le palo ya dinaledi tse di di boneng fa di tlhatlhobiwa. Fa YBB e sena go newa maduo a dinaledi di le tha-ro, e iphitlhela e le gare ga ditheo tse di itsegeng tse di jaaka Setheo sa Puso sa Moscow sa Dikamano le Dinaga di Sele, le diyunibesiti tse di itsegeng tsa poraefete tse di jaaka Yunibesiti ya Amity kwa India le Senthara ya Yunibesiti ya CESINE kwa Spain.

maDUo a rona a a kWa goDimo go a feta otlheFa re leba dipholo, maduo a a kwa godimo go a feta otlhe a YBB e ne e le a mekgwa e meša ya go dira dilo, e re amogetseng dinaledi di le tlhano ka ntlha ya yone, mme ra bona dinaledi di le nne ka ntlha ya dikago tsa rona. Mme Mop Nicholas Allen, Mokaedi wa Setheo: sa Lefapha la Boditšhabatšhaba la Bobueledi, yo o neng a eteletse pele thulaganyo ya YBB ya go romelwa ga tshedi-mosetso ya go sekasekwa ga yone, o dumela gore YBB e na le boleng jotlhe jwa yunibesiti ya dinaledi di le nne. "Kwa ntle ga go fetola sepe se re se dirang mo YBB kwa ntle ga go fetola fela dikarolo dingwe tsa tsenelokgaisano ya rona, re ka bo re fitlheletse maduo-kakaretso a dinaledi di le nne," go bolela jalo Mop Nicholas.

a a kWa goDimo le go fetaGo ya ka kgopolo ya gagwe, go na le dintlha di le mmalwa tse di re thibetseng go bona maduo a a fetang a ba bangwe botlhe."Nngwe ya dikgwetlho tse dikgolo go di feta

go ya ka Qs, naledi e le nngwe fela e e tlwaele-gileng ya yunibesiti e ka tswa e le ka fa tlase ga dingwaga di le 20 mme e le e e tlamelang ka thuto ya boleng jo bo siameng fa e ntse e itirela leina le le siameng mo gae. tse di neilweng dinaledi di le tlhano e tshwanetse go bo e le tse di di gogang kwa pele mo lefatsheng mo dilong di le mmalwa, tse di itiretseng leina le le ntle e bile di na le dikago tsa maemo a a kwa godimo e bile di na le maloko a a itsegeng kwa dinageng di sele a patlisiso le a a rutang.

YBB jaanong e ka dirisa kerafo jaaka e gomaketa.

Ka ga dinaledi tsa QS

9

setlhopha Dintlha tse re di neilweng

Dintlha tse di leng teng

Dinaledi tse re di neilweng

maemo-katlhoDi a konokonoGo rutaBadiri ba ba amanang le tsa thuto/rešio ya baithuti 9 50Go wetsa dithuto 28 40Maloko a legoro le le nang le digerata tsa bongaka kgotsa tse di lekanang le tsone 0 40Baithuti ba ba tsweletsang dithuto tsa bone mo dikgweding di le 12 tsa kalogo 9 20Palogotlhe 46 150Kgonego ya go thapa badiriBathapi ba tshegetsa setheo mo patlisisong ya bathapi ya QS ya Lefatshe Lotlhe * 0 50Baithuti ba ba thapilweng mo dikgweding di le 12 morago ga kalogo 50 50Kemonokeng ya ditirelo tsa mekgele ya tiro 11 50Palogotlhe 61 150PatlisisoLeina le go itiretsweng lone la akatemi go ya ka patlisiso ya akatemi ya lefatshe lotlhe ya QS* 6 40Dinopolo tsa pampiri ka bongwe 15 40Dipampiri go ya ka legoro 9 40Bomankge ba akatemi ba ba nang le bokgoni 15 30Palogotlhe 45 150Go dirwa ga dilo ka mokgwa o o tshwanang mo dinageng tsotlheDitirisanommogo tsa patlisiso tsa mo setheong 50 50Legoro la kwa dinageng di sele 10 20Baithuti ba ba tswang kwa dinageng di sele 9 20Baithuti ba ba tlang go ithuta mo nageng ya rona 0 20Baithuti ba ba yang go ithuta kwa nageng e sele 1 20Dikago tsa baithuti ba ba tswang kwa dinageng di sele ba ditumelo tse di farologaneng

3 10

Baithuti ba ditso tse di farologaneng go tswa kwa dinageng di sele 10 10Palogotlhe 83 150tikologo e e siametseng go ithUtaDitireloMafelo a metshameko 20 20Bonno jwa baithuti 11 20Ditirelo tsa IT 20 20Dikago tsa laeborari 3 20Dikago tsa kalafi 10 10Mekgatlho ya baithuti 3 10Palogotlhe 67 100maemo-katlhoDi a Boleng Jo Bo kWa goDimoMekgwa e meša ya go dira diloDitshwanelo tsa semolao 16 20Patlisiso ka intaseteri 20 20Dikhamphani tse di duleng mo go tse dingwe 4 10Palogotlhe 40 50TirisanommogoGo nna le seabe ga baagi le tlhabololo 14 20Tiro ya go thusa batlhoki le namolo-thuso 0 10Tlhabololo ya bokgoni jwa badiri mo kgaolong 5 10Diphelelo tsa mo tikologong 4 10Palogotlhe 23 50maemo-katlhoDi a a kgethegilengMaemo a go itshwara sentle(Go newa maemo a tiro mo go lepe la mafelo a magolo a matlhano a legoro ao QS e a sekasekang ngwaga le ngwaga kgotsa e sekasekang dirutwa tse dinnye kgotsa di sekasekwang ke setlamo sa boraro*)

0 150

Tetlelelo-semmuso ya lenaneothuto (Tetlelelo-semmuso ya mananeothuto a a nang le ditekanyetso tse di amogelesegang tsa dinaga di sele kgotsa tsa naga ya rona)

50 50

ka kakaretso 415 1 000

Re dirile maduo a rona jaanaKa 2012 YBB e ne ya lekeletsa go nna le seabe mo tsamaisong ya QS ya go newa maduo. Porojeke e ne ya simololwa ka di 3 Diphalane 2012, tshedimosetso e ne ya romelwa ka di 15 Mopitlwe 2013 mme dipholo – jaaka di bontshitswe mo lenaanethalong le le fa tlase – di ne tsa bonwa ka di 14 Motsheganong 2013.

*Neilwe maemo mo boemong jwa go newa maduo

10

go katisediwa kgWeBisano go rotloetsa kgwebisano mo aforikaborwaKGWEBISANO, e leng lefelo la patlisiso mo

Khamphaseng ya Potchefstroom, le ne la bopa setlhopha se se neng se katisa baemedi ba ikonomi ba dinaga di sele ba Lefapha la Kgwebisano le Intaseteri. Ka di 15 le di 16 tsa Moranang, maloko a le mane a KGWEBISANO a ne a tsena mo setlhopheng sa baemedi ba Setheo sa Boditšhabatšhaba sa Aforikaborwa sa Kgwebisano mo go katiseng ba bangwe kwa diofising tsa Lefapha la Dikamano le Dinaga di Sele, Tirisanommogo le Tlhabololo kwa Pretoria.

Boikaelelo jwa katiso eno e ne e le go baakany-etsa baemedi ba ikonomi go buelela kgwebisa-no ya Aforikaborwa kwa dinageng tse ba tlileng go romelwa kwa go tsone. Mo godimo ga go di naya dintlha-kakaretso tsa ikonomi ya lefatshe lotlhe le ya Aforikaborwa, setlhopha sa KGWEBI-SANO se ne sa tlamela ka katiso e e mosola – se tlhaola ditshono tse Aforikaborwa e ka kgonang go di sola molemo ka Mokgwa wa go Ema Dit-

Maloko a Lefelo la patlisiso la KGWEBISANO a a neng a thusa ka go katisa baemedi ba dinaga di sele ba ikonomi ke, go tswa ka fa molemeng, Mop Wilma Viviers, Mop Waldo Krugell, Mop Mari-anne Matthee le Ngaka Ermie Steenkamp.

shwetso Nokeng kgotsa Decision Support Model (DSM). (Leba lebokoso lwa mokwalo go bona tshedimosetso go ya pele ka ga mokgwa ono.)

Dipontsho tsa kgWeBisano mo aforikaMo e ka nnang 60% ya baemedi ba tla romelwa kwa dinageng tsa Aforika. "Ka nako ya katiso, re tshitshinya gore go dirisi-we dipontsho tsa kgwebisano ya mmatota mo nageng ya Aforika, e leng ya Zambia. Ba ne ba tshwanelwa ke gore morago ga moo ba dirise DSM go tlhaola dikumo tse di batlwang thata kwa Zambia," Mop Wilma Viviers yo e leng moeteledipele wa KGWEBI-SANO o tlhalosa jalo.

"Lefapha la Kgwebisano le Intaseteri le ka dirisa lenaane la dikumo go bona gore ke baromelantle bafe ba Aforikaborwa ba ba tshwanetseng go engwa nokeng gore ba Ka fa thulaganyo ya thomelontle e

dirang ka goneMokgwa wa thomelontle wa DSM o ne wa tl-hamiwa ka kopo ya Lefapha la Kgwebisano le Intaseteri mme fa e sa le ka nako eo o itshupile o le mosola tota jaaka sedirisiwa sa saense sa go tlhaola mebaraka e e siameng ya thomelontle ya dikumo tsa Aforikaborwa. Mokgwa ono o dirisa ditlhotlhi tse di tlhaolang maemo a a kotsi a tsa dipolotiki le a tsa ditšhelete le go tlosa dithomelontle tse di sa solofetseng go le kalo. Dipholo tsa teng di tlhoma mogopolo go dikumo le naga ya tsone e e nang le dithomelontle tse dintsi le go kgona go bona kwa di ka rekisiwang gone.

Ga jaanong jaana DSM e kgona go supa kgonego e Aforikaborwa e nang le yone ya thomelontle go tswa go dinaga di le 240 le dikumo di le 5 400 – e leng palogotlhe ya dikumo di le 1,3 milione mo dinageng ka go farologana ga tsone. Dipholo tsa mokgwa ono di tlatseletswa ke sedirisiwa sa khomphiutha se se maatla sa tshedimo-setsano. Mokgwa ono, o o bidiwang KAEDI E E BONTSHANG KGATELOPELE ya Mokgwa wa go Ema Ditshwetso Nokeng, o emela dipholo tsa patli-siso tse di kgonang go bonwa e bile go le motlhofo go di tlhalosa.

nne gone mo dipontshong tsa kgwebisano kwa Zambia go bontsha dikumo tsa bone koo le go tsenela kgwebisano ya dithom-elontle."

DitshWaelo tse Di siamengLenaneo leno le ne le akaretsa go katisediwa go dirisa bobolokelo-tshedimosetso jwa TradeMap le jwa MarketMap jwa Senthara ya Kgwebisano le Dinaga di Sele. "Ditsh-waelo go tswa kwa baemeding ba ikonomi ba dinaga di sele le go tswa go Lefapha la Kgwebisano le Intaseteri tsa go katisiwa ga batshwari ba lenaneo la KGWEBISANO e ne e le tse di siameng tota e bile mosola wa lena-neo la DSM le go tshwanela sentle ga lone o ne o le botlhokwa thata mo go bone," go bolela jalo Mop Wilma.

11

Dithulaganyo tsa 2013

Mafoko a bomankge a botlhokwa fela thataBomankge ba YBB ba ba neng ba bo-tso-

lotswa ke ba metswedi ya dikgang ka 2012 ba ne ba bonela yunibesiti phasalatso ya

mahala ya madi a a seng kana ka sepe a bokana ka R285 milione, mme Mop André Duvenhage ke ene a nnileng le seabe se segolo thata mo go yone.

Ka ntlha ya go dira dikakgelo tsa sepolotiki gangwe le gape, Mop André, yo e leng mokaedi wa lefelo la go dira patlisiso ya Go Tlisa Diphetogo mo Loagong gape e le moporofesa wa Dithuto tsa Sepolotiki mo Khamphaseng ya Potchefstroom, o ne a kaiwa e le Mmueledi wa YBB wa Ngwaga.O ne a newa sejana sa kamogano, mmogo le moputso wa madi a bokana ka R20 000 mo maitse-boeng a go abiwa ga diawate tse di neng di tshw-

Ngaka Theuns Eloff, e leng motlatsamokanseliri (ka fa molemeng) o akgola Mop André Duvenhage, yo o neng a umakiwa jaaka Mmueledi wa Ngwaga.

erwe ka di 22 Moranang 2013 kwa Potchefstroom.

E re ka gape a ne a le mofenyi mo ditlhopheng-pot-lana tse dingwe tse pedi (tsa kgaso le tsa mmedia wa mo inthaneteng) o ne a newa moputso o mon-gwe gape wa R10 000. Mop André o ne a nopolwa makgetlo a le 286 ka 2012 – go gaisa babueledi ba bangwe botlhe ba YBB mo ditlhopheng tsotlhe di kopane, mo dikgatisong, mo dikgasong le mo mmedieng wa inthanete.

Mmueledi wa bobedi go nopolwa go gaisa ba ban-gwe wa YBB e ne e le Rre Theo Venter, mogakolodi yo o kgethegileng mo Ofising ya Motlatsamokan-seleri e bile gape ke motlhatlheledi wa nakwana mo Sekolong sa Dithuto tsa Kgwebo mo Khamphaseng

ya Potchefstroom. O ne a amogela moputso wa madi a bokana ka R15 000.

Mo maemong a boraro e ne e le Rre Hannes Es-terhuizen, mokatisi-mogolo wa setlhopha sa rakabi sa YBB PUK. O ne a amogela moputso wa madi a bokana ka R10 000 ka ntlha ya phitlhelelo eo, le R5 000 e nngwe gape ya go nna mofenyi mo setlho-pheng-potlana sa dikgatiso.

Bafenyi bano, mmogo le babueledi ba bangwe ba YBB, ba ne botlhe fela ba abelana bokgoni jwa bone le setšhaba ka dilwana tsa mmedia tsa 12 186. Fa dilwana tseno di bapisiwa le tsa 2011 di le 7 730, di bontsha kgolo e e seng kana ka sepe ya 57,6%. Fa palogotlhe ya 2012 e bapisiwa le palo ya dilwana tse di neng tsa tlhaga ka 2010, go bonala kgolo e e seng kana ka sepe ya 260%.

Mo palogotlheng ya 2012, go ne go na le tekatekano ya dilwana di le 11 613, 507 ya tsone e ne e le tse di siameng mme di le 66 fela tsone e ne e le tse di sa siamang mo YBB. "Gantsi re ikutlwa re le motlotlo mo yunibesiting ya rona fa ba metswedi ya dikgang ba re kopa gore re nne babueledi, mme lebaka la go bo makgetlo a go umakiwa ga rona a oketsegile ka tsela eno go bontsha gore dikakgelo tsa rona di aga setšhaba," go bolela jalo Ngaka Theuns Eloff, e leng motlatsamokanseliri wa YBB.

YBB e oketsa dikgaisano tsa ditlhopha gore go akgolwe babueledi ba ba oketsegileng.

"Bangwe ba babueledi ba rona ba nna le seabe go le gonnye ka dikgang tse di tsh-wanelwang ke go begwa tse ka sekai di ka phasaladiwang fela thata ka lobakanyana, mme re batla go ba leboga le bone," go bolela jalo Rre Louis Jacobs, mokaedi wa Ditlhaeletsano ka tsa Kgwebo le Dikamano le Bana-le-Seabe.

Go tla dirisiwa ditlhopha tse di ša mo ngwageng ono go tlhopha ba ba tla amo-gelang diawate tse di tla abiwang mo tshi-mologong ya ngwaga o o tlang.

12

Mo motseletseleng wa rona wa badini ba YBB, re kopana le Mop LJ Grobler, modini wa Legoro la Boejenere mo Khamphaseng ya Potchefstroom. Re buile le ene ka legoro la gagwe, ka maatla a motlakase le ka Eskom.

tshela ka maatla a motlakase o bo o dire ka one

di le dintsi tse di tsweletseng pele mo legorong. Nngwe ya tsone e dirisa motlakase o o dirisang mogote wa letsatsi go kgaoganya haetero-jene. Boikaelelo jwa porojeke eno, e Lefapha la Saense le Thekenoloji le e tlamelang ka madi, ke go tlhama ditirelo tse di tlhokegang gore kwa bofelong re nne le ikonomi e e tsamaisiwang ka maatla a haeterojene.Porojeke e nngwe ya maemo a a kwa godimo ke go tsenngwa ga dilo tsotlhe tse di tlhokeg-ang le thekenoloji ya go ntshiwa ga dilo ka go tamusiwa. Porojeke eno e tlile go direlwa mo senthareng ya batho ba ba nang le bokgoni e Le-fapha la Kgwebo le Intaseteri le e neileng legoro. (Extrusion is a method of producing dry products such as dog food.)

Porojeke e e atlegileng ya bošeng jaana ya koloi e e tsamayang ka motlakase o o dirisang mogote wa letsatsi e atlegile thata ka ntlha ya kitso e e bapetsweng ka porojeke ya go ntsha dilo ka phatlha e nnye ka go di tamusa le ya difofane tse di se nang enjene. Koloi eno e dira gore legoro le itsege mo lefatsheng lotlhe fa le ne le golagana lekgetlo la ntlha le koloi ya Yunibesiti ya Tokai mo lebelong le le telele la boditšhabatšhaba la 5 000 km.

kgolagano le eskomE re ka legoro leno e le mmatlisisi-mmogo le Eskom, dingwe tsa ditiro tsa lone di amana le maatla a motlakase. Ditlhopha mo legorong di thusa Eskom go dira patlisiso ka go tokafatsa, go laola go tswa ga dire le tshomare-lo ya motlakase mo diteišeneng tsa motlakase, le go lekanngwa ga selekanyo se se dirisitsweng sa maatla a motlakase le go se nete-fatsa.

Mop LJ o ne a tla dirang fa a ne a ka nna mookamedi wa Eskom let-satsi le le lengwe fela? O araba jaana ka bonako: "Ke itumelela gore ga ke mookamedi wa Eskom – go a kokonela mo malatsing ano go nna moo-

kamedi wa yone." Go ya ka ene, go na le dilo di le mmalwa tse di dirileng gore Eskom e bo e le mo tsietsing jaana ga jaanong. Sengwe sa tsone ke go leka go dira gore diteišene tsa maatla a mot-lakase e nne tsa ditlamo tsa poraefete, e leng selo se se neng sa simololwa mo lefatsheng lotlhe dingwaga di le some tse di fetileng tsa dingwaga di le sekete tse di fetileng.

go sa Dire DithUlaganYo Ka ntlha ya tebelelo ya gore dikhamphani tse dikgolo di ne di tlile go nna beng ba diteišene tsa maatla a motlakase, ditlhopha tsa botsamaisi ka nako eo di ne tsa se ka tsa dira dithulaganyo tsa go agiwa ga diteišene tsa maatla a motlakase. Seo e ne e tlile go nna seabe sa dikhamphani tsa poraefete. Fa khamphani e kgolo go di feta tsotl-he ya maatla a motlakase ya kwa Amerika e ne e

Leina LJ Grobler ke lekaelagongwe la maatla a motlakase. Ga se ka go bo modini yono wa Boenjenere a rata thata tsela e e nang le

matswela e maatla a motlakase a dirang ka yone, mme ke ka gonne le ene ka boene o na le maatla a a seng kana ka sepe a mmele.

Ke lone lebaka la go bo a ne a tshwenyegile thata ka mmaagwe. “Ka letsatsi la gagwe la bo 80 la matsalo, rre o ne a mpolelela ka fa mme a nnang a tshwenyegile ka gone ka nna ka gonne ke dira dilo di le dintsi ka nako e le nngwe fela,” go bo-lela jalo Mop LJ.

metshamekoDilo dingwe tse a di gopolang tse a di ratang tha-ta tsa fa a ne a santse a le ngwana e ne e le go tshameka motshameko wa sekolo ka dinako tsa thapama le ka mafelobeke. Gompieno jaana o na le maikatlapelo a a seng kana ka sepe a mmele e bile o ntsha ga tshwene mo metshamekong e e jaaka ya lobelo mo metsing ka sekepe sa polas-etiki le go fologa kwa lefaufaung ka pharatšhutu. Ga se gantsi a tlolang go tswa mo sefofaneng – ka dinako tse dingwe ke ene a tsamaisang dilo a sa bonwe ke ope.

"Ka letsatsi la me la bo 40 la matsalo mosadi wa me o ne a nnaya difouno tsa mo ditsebeng tsa mokgweetsi wa sefofane a bo a ntsenyetsa madi mo bankeng a dithuto tsa go fofisa sefofane. Ka jalo ke ne ka tshwanelwa ke go ithutela go fofisa sefofane, mme kwa bofelong ke ne ka tla ka se-fofane sa me se sennye."Fa a se kwa loaping a fofisa sefofane, o mo tse-leng ka baesekele ya gagwe ya lobelo lwa dibae-sekele. "Fa ke dira Argus ya me ya bo 10, ke tlile go newa nomore ya me ya leruri," o bolela jalo. Dilo tseno tsotlhe tsa go itlosa bodutu ke dingwe tsa tse a lekang go di dira tsotlhe ka nako e le nngwe fela. E kgolo go di gaisa tsotlhe ke tiro ya gagwe jaaka modini.

o nna a faraferWe ke tiro Mo dikgweding di le mmalwa tse di fetileng fa a sena go nna modini, ga a bona nako e ntsi ya go dira patlisiso, mme o ela tlhoko gore o sa ntse a kaela ditlhopha tse di farologaneng tsa go dira patlisiso mo legorong. Go na le diporojeke

Ka 2007, Mop LJ Grobler o ne a nna motho wa ntlha

yo e seng Moamerika go tlhomiwa go nna Poresidente wa Mokgatlho

wa Baenjen-ere ba Maatla a Motlakase kwa

Atlanta, USA.

13

tshela ka maatla a motlakase o bo o dire ka one

Dintlha dingwe tse di kgatlhang:

kopa thuso e sa tlhole e kgona go duelela diko-loto tsa yone ka 2001, dikhamphani tse dingwe di ne tsa tshoga mme go dirwa ga diteišene tsa maatla a motlakase gore beng ba tsone e nne ba poraefete go ne ga se ka ga dirwa ka tsela e puso e neng e lebeletse ka gone. Re sa ntse re le foo, tiriso ya motlakase mo Aforikaborwa e ne ya gola thata mo e leng gore go ne ga tlhokega diteišene tsa maatla a motlakase tse di ša. Tse tharo tse di sa ntseng di agiwa ke Medupi, Ingula le Kusile.

"Go aga deteišene tsa maatla a motlakase go ja madi a a seng kana ka sepe. Kgaisano yotlhe ya Sejana sa Lefatshe sa Kgwele ya Dinao sa 2010 e jele naga ya rona mo e ka nnang bokana ka R40 bilione. Medupi e le yosi fela e tlile go ja bokana ka R120 bilione,” Mop LJ o bolela jalo. Lebaka le lengwe la go bo Eskom e le mo tsietsing jaana ke gore e tlogedisitse bomankge ba le bantsi ditiro tsa bone ba tota ba itseng gore diteišene tsa maatla a motlakase di agiwa jang, ka gonne ba ne ba akanya gore bokgoni joo bo ka se tlhole bo tlhokwa.

raraBolola BothataTharabololo ke eng?

“"Ba-Aforikaborwa ba tshwanetse go nna le seabe mo go tliseng tharabololo mme ba si-molole go somarela motlakase. Naga ya rona e dirisa motlakase o o fetang wa dinaga tse di tl-habologileng go feta gabedi kgotsa gararo mme e le motlakase o o ntshediwang maikaelelo a a tshwanang."

Dipompo tse di gotetsang metsi le dikisara tsa motlakase o o dirisang mogote wa letsatsi ke di le pedi tsa ditsela tse dintsi tsa go somarela mot-lakase, Mop LJ o bolela jalo. "Fa o sa dirise dipone tsa di “flourescent”, motlakase o o o dirisang o tla fokotsega ka 80% e bile o tla somarela o montsi le go feta fa o dirisa ditloloupu tsa LED." Mop LJ o tlhoma sekao – ba lelapa la gagwe ba tlhapa ka metsi a a goteditsweng ka letsatsi mme ba dirisa diphanele tsa motlakase o o dirisang mogote wa letsatsi kwa kgwebong ya mosadi wa gagwe.

"Ke kgona go bonela pele gore go tlhatloga ga tlhwatlhwa ya motlakase le go fokotsega ga tlh-watlhwa ya diphanele tsa motlakase o o dirisang mogote wa letsatsi go tla dira gore batho ba le bantsi ba simolole go dirisa motswedi o sele

Dijo tse ke di ratang go feta tse dingwe: Oxtail.filimi e ke e ratang go feta tse dingwe: Difilimi tsa ditlhodi, mme ka dinako tse dingwe di leba “chick flicks” le bomorwadiake ba babedi. ke eng se se intumedisang: O ipha nako le lelapa le ditsala.se ke se ratang thata mo mosading: Fa a le motho yo o weleng maikutlo.se ke sa se rateng gotlhelele: Boitimokanyi.motlhami yo ke ka ratang go tshwara motlotlo le ene: Bomorwa Wright ba ba agileng sefofane sa ntlha.se se ntshosang: Fa dilo di sa tsamaye ka thulaganyo – e leng lone lebaka la go bo go rulaganya go le botlhokwa.selo se ke nang le sone se ke se ratang thata: Boto ya ditshwantsho e re tsenyang ditshwantsho tsa ba lelapa mo go yone le maeto a re a tsereng.

wa motlakase mo dingwageng di le tharo tse di tlang."

go rata thata go Dira ka motlakaseMop LJ o ne a wetsa dithuto tsa gagwe tsa pele ga kalogo le tsa morago ga kalogo kwa Yunibes-iting ya Pretoria. O ne a simolola go rata thata go dira ka motlakase ka nako ya dithuto tsa gagwe tsa dikirii ya masetase mme kwa bofelong a dira PhD ya gagwe ya tiriso ya motlakase le botsamai-si mo dikagong tse dikgolo.

O ne a na le feme ya gagwe ya bogakolodi kwa Pretoria dingwaga di le pedi mme ka 1996 a tlhomiwa go nna moporofesa-mmogo kwa Yunibesiti ya Potchefstroom ya Pele ya Thutogo-dimo ya Sekeresete. Go ela kwa bokhutlong jwa potsolotso e e neng e dirwa ke Eish!, Mop LJ o senola gore o ne a betšhile mme a se ka a fenya pele fela ga a nyala. Dipholo e ne ya nna gore ene le mosadi wa gagwe, Selmarie, e nne ba ntlha go tantsha kwa lenyalong go lela pina e e reng “Hier kom die Bokke”. Ke ka ntlha yang fa ba ne ba ka se ka ba dira jalo? E ne e le ngwaga wa Sejana sa Lefatshe sa Rugby.

Morago ga potsolotso re ne ra tshwanelwa ke go ya go tsaya dinepe ka bonako. Batho ba ba neng ba le ka kwa letlhakoreng le lengwe la mogala ba

Mop LJ Grobler o iketlile le lelapa la gagwe. Ba lelapa la ga Grobler, go tswa ka fa mole-meng, ke Chandre, Mop LJ, mosadi wa gagwe Selmaire le Sanika, yo mmotlana.

ne ba letetse gore khonferense e e tshwarwang ka founo e simolole. Mme morago ga moo, go ne go kokota batho ba le bantsi mo kgorong ya gagwe, ba batla go bua le ene. Se se itumedi-sang ke gore o ne a kgona go bua le bone.

14

Re feditse jaanong ka go batlana le Rre le Mohum-agatsana YBB ba Khamphase ya Mafikeng. Seno se ne sa khutla fa Tshepo Moyaga le Gontse Rakobane ba ne ba rwesiwa dirwalo tsa 2013 tsa ngwaga wa dithuto wa 2013.Go ya ka Gontse, moithuti wa ngwaga wa ntlha wa Dithuto tsa Ikonomi tsa BCom, le Tshepo, moithuti wa Molao yo o setseng a le kwa pele ka dithuto tsa gagwe, ba tsenetse kgaisano eno go leka sengwe se sele le go dira se ba neng ba sa tlwaela go se dira. "Go bua boammaaruri, seno e ne e se mokgele wa me otlhe go nna Mohum-agatsana YBB wa Khamphase ya Mafikeng. Mme ke ne ka lwelwa maemo ano ka gonne ke ne ke batla go dira kgatelopele jaaka moeteledipele le go ikgwetlha," Gontse o bolela jalo. "E ne e le kgaisano e e seng bonolo. Mongwe le mongwe o ne a dira sengwe se se sa tshwaneng le sa ga ope e bile a

Baithuti ba phophoma ka boitumelo ka dikalogo tsa letlhabula

mmatlisisi wa maemo a a kwa godimo jaanong ke modini

Ba bantle e bile ba botlhale

Legoro la Temothuo, Saense le Thekenoloji kgotsa Faculty of Agriculture, Science and Technology

(FAST) le tlhatlositse maemo gape ka go tlhoma Mop Eno Ebenso go nna modini. Mop Ebenso ga a bolo go nna mmatlisisi wa maemo a a kwa godimo yo NRF e mo neileng maemo a C1 mo Khemise-tering e bile gape o tsaya maemo a boraro jaaka mokwadi yo o tlhagisang dikgatiso tse dintsi go feta tsa ba bangwe mo lefatsheng tse di buang ka thibelo ya kgogolego.

Go ya ka Kaedi ya Scopus, o ne a kwala ditlhogo tse di fetang 20 mo dijenaleng tsa kgang eno tse di umakilweng mo Webong ya Saense ya ISI fa gare ga 2005 le 2010, mme o ne a nopolwa makgetlo a le 80 mo dikgatisong tse dingwe mo lobakeng lwa dingwaga tseo. Seno se raya gore o umakilwe ma-kgetlo a le mane mo athikeleng nngwe le nngwe, kgotsa o umakilwe ka palogare ya makgetlo a le marataro mo patlisisong ya serutwa sa gagwe. Mop Ebenso gape ke mmatlisisi yo o mo maemong a boraro yo o nopolwang kwa dinageng di sele mo tirong ya gagwe.

ntsha ga tshwene mo go sone. Ruri ke itumelela gore mongwe le mongwe o kgonne go bontsha ditalente tsa gagwe mo seraleng," Tshepo o bolela jalo. "Ka thulaganyo eno, ke ithutile gore ke na le mpho e ke neng ke sa itse gore tota ke na le yone." Kagiso Ntshwe, mookamedi wa baithuti, a re barulaganyi ba yone ba solofela gore Rre le Mohumagatsana YBB ba Khamphase ya Mafikeng ba tla ya kwa tiragalong ya maemo a a kwa godimo mo lefatsheng.

"Mongwe wa mekgele ya motsayakarolo ke go tlhama thulaganyo ya go tlosa batho bodutu. Ka go nna le moemedi yo montle e bile a le botlhale, le go letla baithuti ba ba leng mo bareetsing gore ba itlhophele yo ba mo ratang go feta yo mongwe, go tla tlhamiwa ditirisano di le dintsi tse di rutang," Kagiso o bolela jalo.

Pele ga a tlhomiwa go nna modini, Mop Ebenso e ne e le mokaedi wa Sekolo sa Disaense tsa Mmetshe le Fisika gape o ne a le modini wa nama o sa tshwere.

Mo dikalogong tsa bošeng jaana tsa letl-habula go ne ga abiwa didikirii le didi-

poloma di le 1 949.

Se se sa lebalweng ka dikalogo tseno e ne e le go abelwa ga ga Ngaka Mbuyiseni Oswald Mtshali, yo bontsi bo mmitsang Soweto Poet, gerata ya bongaka ya tlotlo ka ntlha ya go thusa ga gagwe fela thata mo go tsa puiso-kwalo mo Aforikaborwa. Gape baithuti ba ba nang le bogole ba ile ba bontsha bopelokgale le maikemisetso - baithuti ba babedi ba ba sa boneng le baithuti ba babedi ba ba tsamayang ka di-tulo tsa maotwana le bone ba ne ba newa didikirii tsa bone.

Legoro la Kgwebo le Botsamaisi le ne le di goga kwa pele ka baalogi ba le 521, mme la latelwa ke Legoro la Temothuo, Saense le Thekenoloji ka baalogi ba le 374, Legoro la Disaense tsa Mekgwa ya Batho le tsa Loago ka ba le 322, Legoro la Thuto ka baalogi ba le 150 mme Legoro la Molao ka baalogi ba le 68.

Barutabana ba le 514 ba ne ba newa Di-poloma ya Morago ga Kalogo ya Thuto kgotsa National Postgraduate Diploma in Education (NPDE). Gape khamphase e ile ya aba didikirii di le 11 tsa bongaka le tsa masetase di le 60. Baithuti ba le 52 ba ba falotseng ka dinaledi ba ne ba newa ditifikeiti tsa go tshwanelega.

Rre le Mohumagatsana YBB ba ntlha-ntlha ba Kham-phase ya Mafikeng ba ne ba rwesiwa dirwalo bošeng jaana – Tshepo Moyaga le Gontse Rakobane.

Khamphase ya Mafikeng e ne ya keteka phitlhelelo ya maemo a a kwa godimo mo dithutong tsa bone mo dikalogong tsa letlhabula bošeng jaana, fa go ne go abiwa didikirii le didipoloma di le 1 949.

Dikgang tsa khamphase Ya mafikeng

15

Bošeng jaana Mokgatlho wa Dikolo Tsa Boditšhabatšhaba kgotsa Federation of

International Automobiles (FIA) o ne wa naya setlhopha sa koloi e e tsamayang ka motlakase o o dirisang mogote wa letsatsi awate e botlhe ba e meletsang mathe. Mokgatlho ono ke setlhopha se se laolang sa lobelo lwa dikoloi lwa boditšhabatšhaba, go akaretsa le lobelo lwa dikoloi lwa Formula 1, mme o emela baja-gisi ba dikoloi mo tseleng le mo tseleng ba ka nna 60 milione. Setlhopha sa baithuti ba bae-njeniri sa YBB se ne sa tla ka tlhamo e ntšha ya sone mo ngwageng o o fetileng fa se ne se tlhama koloi ya sone e ntšha e e tsamayang ka motlakase o o dirisang mogote wa letsatsi. Morago ga moo FIA e ne ya ba naya awate ya tsela e sele e e di gaisang tsotlhe ya go dirisa maatla a motlakase ya ditlhopha tsa patlisiso. Go ya ka moeteledipele wa setlhopha le motl-hatlheledi, e leng Mop Albert Helberg, ba itu-metse go feta selekanyo. "Re Ba-Aforikaborwa ba ntlha go amogela awate eno ya boleng jo bo kwa godimo. Ruri ke tuelo e kgolo ya tiro ya rona ya ka natla, ya go sa robale le go dirisa maikatlapelo a mmele." Setlhopha seno se ne se na le baithuti ba le robedi ba ba neng ba gaisana le ditlhopha tse dingwe tse 12 tsa mo Aforikaborwa, Japane, India le kwa Wales mo Kgaisanong ya Sasol Solar. Dikoloi tsotlhe tse di neng di tsenetse kgaisano eno di ne di tshwanetse go nna tse di dirisang motlakase o o dirisang mogote wa letsatsi e bile di ne di tshwanetse go tsamaya ka lobelo lwa 60 km/h. Batsayakarolo ba ne ba gaisana lobaka lwa malatsi a le 11 le go kgweetsa sekgala sa 5 200 km. YBB e ne ya tlhakanela maemo a ntlha le Yunibesiti ya Tokai ya kwa Japane. Gape setlhopha se ne sa tswa e le bafenyi mo setlhopheng sa bone mme sa roba direkoto tse pedi tsa bosetšhaba le e le nngwe ya lefatshe. Mo godimo ga moo, ba ne ba amo-gela moputso wa ntlha wa pego ya bone ya tshireletsego, mme ba nna bafenyi ba “Africa Spirit Award”.

a re tshwareng magolegwa go thusa batlhoki

koloi e e tsamayang ka mogote wa let-satsi e newa awate

O le motlolamolao kgotsa o se ene, o tla lelelwa ke ditshipi tsa kgolegelo tsa ngwaga le ngwaga

mo khamphaseng o bo o Ntshiwa ka Beile mo go yone. Go tsenngwa mo kgolegelong le go ntshiwa mo go yone ka Beile go dirwa ka go dirisana mmogo le Mokgatlho wa Kankere wa Aforikaborwa kgotsa Cancer Association of South Africa (CANSA) gokolekela CANSA madi le mokgatlho wa Tirelo-Setšhaba ya Baithuti ya RAG kgotsa Student Rag Community Service (SRCS), mme seno se ama ditlho-pha tse di farologaneng tsa baithuti mo yunibesiting le ka kwa ntle ga yone. Ga go a tlhomiwa mogopo-lo mo baithuting mme o tlhomilwe mo badiring ba YBB, mo dikgwebong tse di leng mo Potchefstroom le go e dikologa, difatlhego tse di tlwaelegileng, dit-sala le baemanokeng ba SRCS le CANSA, le ba mets-

setheo sa sas le senthara ya mBi di a kopana

Rre Richard Hughes (ka fa mojeng) wa Sasol o

naya Mop Albert Helberg (fa gare), awate e e

melediwang mathe thata ya FIA. Ba na le Rre

Winstone Jordaan (ka fa molemeng), morulaganyi

wa Kgaisano ya Sasol Solar.

wedi ya dikgang le ditheo tse di ka kgonang go bega seno mo dikgannyeng. Batho bano ba a 'tshwarwa' ba bo ba latlhelwa mo 'kgolegelong' e e mo khamphaseng mme ditheo tse di farologaneng di ba ntsha ka beile ka go koleka madi. Selekanyo sa madi a beile sa go ntsha 'mogolegwa' ke koleke ya R500. Mo tiragalong ya ngwaga ono, go ne ga kolekwa R56 000 mme e tla kgaoganyediwa CANSA (60%) le porojeke e e tlileng go dirwa ya SRCS (40%). Fa go ntse go tsweletswe ka Kgolegelo le Beile, ba ba sa tsenngwang mo kgolegelong ba dikago tsa bonno tse di farologaneng ba kolekela baithuti ba ba dikobo di magetleng madi mo khamphaseng ka go nna mo lefelong le ba tswaletsweng mo go lone fa pele ga Lefelo la bobogelo malatsi a le mararo.

Ba golegetswe go thusa batlhoki: Go tswa ka fa molemeng ke Rre Jean-Marc Stidworthy wa Lefapha la Go Maketa le Ditlhaeletsano, Mohumagatsana Yolandi de Beer go tswa kwa Mooirivier Medies le Mohumagatsana Selna Cornelius ba Legoro la Disaense tsa Tlhago ba letetse beile ka bopelotelele.

Senthara ya Lefapha la Mmetshe wa Kgwebo le Ditharabololo tsa Kgwebo kgotsa Business Math-

ematics and Informatics (BMI) e tlhamile lenaneo-thuto le leša la masetase la Basekaseki ba Maemo a a Kwa Godimo ba Kgwebo le le rutwang mmogo le la Botsamaisi jwa Dipalopalo tsa go Laola Kgonagalo ya go Nna le Ditatlhegelo tsa Madi kgotsa Quantitative Risk Management (QRM). Boikaelelo jwa dikirii ya Basekaseki ba Maemo a a Kwa Godimo ba Kgwebo ke go tlhagisa basekaseki ba baporofešenale ba ba nang le bokgoni jo bo tlhokegang go tsenya boleng mo mafelong a go dirwang ka "tshedimosetso e kgolo" mo go one, le mo mafelong a bagwebi ba kokoanyang tshedimosetso e e seng kana ka sepe mo go one mo e leng gore mekgwa ya ka gale ya go dira ditshekatsheko ga e sa tlhole e dira kgotsa e tshwanela.

Ka kemonokeng ya YBB le madi a a ntshitsweng dikatso go tswa kwa Setheong sa SAS, go tlhomilwe

ditirelo tsa go ema letsholo leno nokeng. Bošeng jaana, go ne ga bulwa Senthara ya Laboratori e ntšha ya Basekaseki ba Maemo a a Kwa Godimo ba SAS ya BMI – e go senang epe e e tshwanang le yone mo Aforikaborwa. Laboratori eno e na le diphaposi tsa khonferense/kopano tse di nang le didirisiwa tsotlhe tse di tlhokegang tse ditlhopha tsa baithuti ba ka direlang diporojeke tsa bone mo go tsone, gotshwara dikopano tse e seng tsa semmuso le badire-lwa-ditirelo gongwe le gongwe fela mo lefatsheng, le go kgona ga basekaseki ba mofuta ono go fitlhelela serwethata le serweboleta sa maemo a a kwa godimo se ba batlang go se dirisa.

Lenaneothuto, le le setseng le na le baithuti ba le 17 ba ba ikwadiseditseng ngwaga wa 2013 le diretswe go ruta baithuti ba e leng basekaseki ba ba nang le talente le go ba tlhomelela ka bokgoni jwa seporofešenale jwa maemo a a kwa godimo jwa go dira ditshekatsheko.

Dikgang tsa khamphase Ya potchefstroom

16

Khamphase e simolotse motshameko wa yone wa ntlha-ntlha wa mmobaele

– Univenture - go thusa ka thulaganyo ya go tsoma baithuti. Motshameko ono wa tshedimosetsano, o tlhamilwe ke Martin Booth, moithuti wa morago ga kalogo go tswa kwa Setheong sa Aforikaborwa sa Motshameko wa Thuto kgotsa South African Serious Games Institute (SGI-SA) mo Legorong la Disaense Tsa Ikonomi le Thekenoloji ya Tshedimosetso. Boikaelelo jwa motshameko ono – wa dikgato di le mmalwa - ke go thusa Bob, moithuti yo o ikakanyeditsweng, go dira tshwetso ka mokgele wa tiro ya mo isagweng ka go etela magoro a a farologaneng le dikolo tsa akatemi.

motshameko wa mmobaele o tsoma baithuti

Ndumiso Hadebe, moithuti wa ngwaga wa bofelo wa Dithuto tsa Ikonomi tsa BCom yo

gape e leng leloko la nako e e fetileng la Lekgotla le le Emelang Baithuti, o ne a itsisiwe bošeng jaana gore o fentse One Day Leader 2 mo SABC 1.

Boikaelelo jwa lenaneo leno ke go naya baša tshono ya go godisa bokgoni jo ba nang le jone jwa boeteledipele le go dira gore baagi ba nne le seabe mo mathateng a a ba amang ka tlhamalalo. Ndumiso ke motho yo o itsegeng thata mo tikologong ya gaabo e a leng moeteledipele wa baša mo go yone, mokhanselara le motho yo o tlhabang ba bangwe botlhale mo Kerekeng ya Word of Life Baptist. Gape, ka thuso ya Mmasepala wa Kgaolo wa Botlhaba wa Sedibeng, o ne a tlhama mokgatlho wa baša o boikaelelo jwa one e leng go tlhomelela baša ka dikokoano tsa go tlhabana botlhale tsa thuto.

A re ruri o ne a sa solofela gore o tla tuma jaana e bile o itumelela tshono eno ya go rotloetsa e seng fela dithaka tsa gagwe mme le ba ba sa ntseng ba fatlhoga.

"Ke dumela gore Aforikaborwa e nyoretswe moeteledipele yo moša le gore baša ba tshwanetse go rotloetsega go itirela isagwe ya bone ya gore ba batla go felela kae. Go atlega ga go amane ka gope le madi kgotsa le go nna le dikhumo mme go amana le bokgoni jwa motho jwa go kgona go thusa ba bangwe mo matshelong a bone," o bolela jalo.

Jaaka mofenyi wa lenaneo la paka eno ya bobedi, Ndumiso o ne a tswa a neilwe Shanduka Black Umbrella, lenaneo la go tlhaba ba bangwe botlhale la dingwaga di le tharo, R50 000 le R10 000 gore e dirisiwe mo porojekeng e e itlhophetsweng ke ene mo baaging.

Metshameko ya dipopae e na le seabe se se botlhokwa mo go anamiseng kitso,

segolobogolo mo baneng ba bannye, Ngaka Ria Booysens, motlhatlheledi-mogolo wa Sekolo sa

Dimpopi di re ruta sengwe mo botshelong

ndumiso ke Moeteledipele

yo moša go ba feta botlhe

wa mzansi

Ndumiso Hadebe ke moeteledipele yo o nang le maikaelelo ka isagwe.

Kgato nngwe le nngwe ya motshameko e emela sekolo sa akatemi mme fa o ntse o fetela kwa dikgatong tse di farologaneng o bolelelwa ka dipatlafalo tsa serutwa sengwe le sengwe. Fa a ntse a kgabaganya dikgato tse di farologaneng Bob o kopana gape le maloko a a farologaneng a batho mo kham-phaseng, mmogo le dipidipidi tse di rategang thata mo khamphaseng. Serweboleta seno sa go maketa se simolodisitswe ka katlego mo Lebenkeleng la Motshameko la Google. Dirisa segoke se se latelang go ya kwa tsebeng ya Univenture: https://play.google.com/store/apps/details?id=za.co.nwu.nwuvaal. Ga jaanong jaana, motshameko ono o ka tshamekwa fela ka didiriswa tsa Android. Wa Seaforikanse le one o teng.

Disaense tsa Thuto. Go ya ka Ngaka Ria, baithuti ba mophato wa motheo ba rutwa go simolola ka ngwaga wa bone wa ntlha wa dithuto ka bokgoni le maretshwa a go tshamekisa dimpopi ka go tlhama baanelwa ba ba farologaneng ba tsone. Moanelwa yo o jaaka phologolo e e dirilweng ka mpopi a ka dirisiwa go tlhalosetsa bana ba bannye kgopolo e e rileng .

Fa moithuti a ntse a gatela pele, go raraana ga katiso ya bone ka dimpopi go a oketsega. Mo godimo ga go tlhama mpopi ka seatla, go leb-eletswe gore baithuti ba kwale mokwalo o o tla tsamaisanang le se dimpopi di se dirang mme e nne o o rutang sengwe.

Ngwaga le ngwaga Sekolo sa Disaense tsa Thuto se tshwara thuto ya go tshamekisa dimpopi e mo go yone baithuti ba ngwaga wa boraro ba ba mo mophatong wa motheo ba bontshang bokgoni jwa bone jwa go tshamekisa dimpopi mo dikolong tse di farologaneng tsa pele ga ba tsena sekolo le kwa dikolong tsa poraemari.

Dikgang tsa khamphase Ya khUtlotharo Ya lekWa

17

Dipolelelopele di bontsha gore go batlega thata ga gase (shale le tight bed gas le coal methane) go tla tlhatloga mo dingwageng tse di tlang mme seno ga se a tshwanela go tlhokomologiwa. Re rata kgotsa re sa rate, gase kgotsa lookwane lo tla tshwanelwa ke go gopiwa go tswa mo Mafikeng. Go tlhaotswe lefelo la bogolo jwa 90 000 km2/h le go tla gopiwang ditsompelo tsa gase kgotsa tsa lookwane mo go lone. Go tla tlhokega bontsi jo bo seng kana ka sepe jwa metsi go dira tiro ya mofuta ono e bile go na le kgonego e kgolo ya gore metsi a a ka fa tlase ga lefatshe a tla kgotlelwa ka nako ya fa go dirwa ga tiro eno. Go dirwa ga tiro eno ya go epolola ditsompelo tseno go ka senya tiro ya temothuo mo mafelong a a leng gaufi le fa tiro eno e dirwang gone. Ka jalo, balemirui ga ba a tshwanela go dumela motlhofo fela gore tiro eno e dirwe mo tikologong ya bone. Mme gone go tla bo go sena tlhaloganya go gana go tshwara dipuisano le bannaleseabe ba ba tshwanelang le go tshitshinya gore bogolo go dirwe eng.

Mop Kobus van der Walt, wa Legoro la Disaense tsa Tlhago Rulaganyang boša isagwe ya temothuo jaanong, Farmer’s Weekly, 23 Moranang 2013

Ka 2012, baatlelete go tswa kwa dinageng di le 35 ba ne ba dirisa HPI (le dikago tse dingwe tsa YBB tsa Khamphase ya Potchefstroom) jaaka lefelo le ba neng ba rata thata go ikatisetsa mo go lone go ipaakanyetsa Metshameko ya Diolimpiki. Baatlelete ba ba neng ba ikatisetsa kwa Potchefstroom ba ne ba ikgapela dimmentlele di le 19 kwa metshamekong ya London. Badirelwa-ditirelo ba bagolo go ba feta botlhe ba setheo ba akaretsa baatlelete go tswa kwa Fora, Poland, Czech Republic, Finland, Sweden le

Jeremane.Rre Jean Verster, wa Setheo sa FNB sa

go Dira ka Natla mo Metshame-kong le Go Tlala Tsholofelo, Fi-nancial Mail, 25 Moranang 2013

Kgatelopele ya thekenoloji le go batlwa ga di iPad, di-tablet le didiriswa tse dingwe tsa maemo a a kwa godimo ke lone lebaka la go bo go batlwa thata diporofešene tse di batlang mmetshe le saense. Lenaane (la CareerCast.com le le neng la naya diporofešene maduo go ya ka tuelo ya tsone, maemo a go dirwang mo go one, kgonego ya go thapa badiri,

kgatelelo mo tlhaloganyong e e tlisiwang ke tiro le ka fa e amang badiri mo mmeleng ka gone) ga le ame Amerika fela mme gape le ka ama go tlhopha mekgele ya tiro ga baša ba Aforikaborwa.

Mohumagatsana Bernice Smit, wa Senthara ya

Mekgele ya TiroJoernalistiek nou swakste beroep, Volksblad, 24Moranang 2013

Dijo tsa bogologolo tala e ne e se tse go dirilweng dikumo ka tsone. Go ja merogo le maungo a a foreše mo boemong jwa go nwa matute a maungo go kgorisa thata. Maungo a a feletseng a na le popego mme go a tlhokega go tlhafuna leungo pele o le metsa. Ka go tlhafuna dijo, go di ja go tsaya lobakanyana mme go romela molaetsa wa dijo tse di jewang le go di kgora kwa bobokong. Dijo tsotlhe tse di nang le diporoteine, dithoro, maungo le merogo ke dijo tse di nang le dikotla.

Mop Salome Kruger, wa Legoro la Disaense tsa Pholo. Dijo tsa ga Cavemen di ka fedisa bothata jwa go nona thata gompieno, The Herald, 16 Motsheganong 2013

Le fa go kgaolwa ga direiti go ka nna le mesola mengwe mo tlhaelong ya tekanyetso, bogolo jwa tlhaelo mo akhaontong ya ga jaanong bo ka tlh-agisa mabaka a a utlwalang a gore direiti di okediwe. Tlhaelo mo akhaontong ya ga jaanong e tlamelwa ka madi a dipeeletso tsa dinaga di sele tse di tsenang mo Aforikaborwa, mme ka ntlha ya dikhuduego tse di ša mo tirong le mathata a go tlhagisiwa ga dikumo mo meepong, naga ya rona ga e kitla nna le lotseno lwa madi lo e lo tlhokang. Ka jalo go okediwa ga merokotso go tshwanetse ga thusa go ngoka lotseno lwa madi go tswa kwa dinageng di sele le go duela tlhaelo ya madi mo akhaontong ya ga jaanong, mme go kgaolwa ga direiti gone go tla thibela lotseno lo lo botlhokwa lwa madi.

Ngaka André Mellet, wa Sekolo sa Disaense Tsa Ikonomi. Go lebeletswe gore direiti di se ka tsa fetolwa le fa go na le diphopholetso tsa gore di tlile go kgaolwa, BDlive, 18 Motsheganong 2013

Ka metlha maloko a YBB a abelana bokgoni jwa one le baagi ka dinako tse di farologaneng – fa ba neetse dipuo kgotsa fa ba botsolotswa ke ba metswedi ya dikgang. Mo motseletseleng ono wa rona o o tswelelang pele, re eletsa gore babadi ba rona ba buise dinopolo tse di latelang.

Bomankge bano ba YBB ba

itse se ba buang ka sone

Bomankge ba Y

BB

18

Lefapha la Ditirelo tsa go toloka la YBB le ne la tshwara khonferense ya ntlha

ya Aforikaborwa ya go rutwa ka go toloka, e e neng ya netefatsa boemo jwa yunibe-siti gore ke yone e di gogang kwa pele mo setšhabeng mo tirong eno.

Khonferense eno e e neng e tshwaretswe kwa Potchefstroom ka di 22 le 23 tsa Mo-ranang, ga ya ngoka batho ba ba tswang mo YBB fela, mme e ngokile le baemedi ba bangwe go tswa kwa ditheong tse dingwe

tsa thutogodimo mo Aforikaborwa. Ditheo tse di neng di etile di ne di akaretsa Unisa le diyunibesiti tsa Stellenbosch, Forei-setata, Pretoria le Kapa, mmogo le Yunibe-siti ya Thekenoloji ya Durban le Yunibesiti ya Thekenoloji ya Cape Peninsula. Baemedi ba Kgotlatheomolao ya Foreisetata le bone ba ne ba le teng mo khonferenseng eno.

Ditheo tseno di setse di simolotse ka ditirelo tsa go rutwa ka go toloka kgotsa di akany-etsa go di simolola.

go aBela Ba BangWe kitso“"Khonferense eno e ne e bula tshono e e siameng tota ya gore motho a abelane kitso le badirammogo go tswa kwa ditheong tse dingwe, mme seno se ne sa feleletsa e le kokoano ya bomankge le badirammogo," go bolela jalo Mop Marlien Verhoef, Moga-kolodimogolo: Maano le Diporojeke yo gape e leng Mokaedi: Merero ya Puo.

Dingwe tsa dikgang tse go neng ga tlotlwa ka tsone mo khonferenseng eno e ne e le go tsoma batoloki le go ba katisa, botsamaisi jwa dilo, ditšhelete le boleng jwa go rutwa ka go toloka. Ngaka Theuns Eloff, e leng motlatsamokanseleri, o ne a bua ka botl-hokwa jwa lefelo la botsamaisi jwa yunibesiti le le tla dirang gore go kgonege go tlhoma lefelo le go buiwang dipuo tse di farolo-ganeng mo go lone.

Gape baeng ba ne ba nna teng kwa puong e e neng e neelwa e tolokwa mme ba etela ofi-

YBB e tla rulaganya ditiragalo tse di farologaneng go ralala ngwaga otlhe go naya maloko a Yunibesiti tshono ya go solofetsa gore ba tla tshegetsa letsholo la go lwantsha ditiro tsa boferefere.

Seno e tlile go nna karolo ya letsholo le le simolots-weng ke Lefapha le le Disang Ditiro tsa Boferefere go ruta batho ka ntwa kgatlhanong le ditiro tsa bofer-efere mo Aforikaborwa. Lefapha le le Disang Ditiro

Mor Gerhardu Mynhardt ke yo mongwe wa batoloki ba le 15 ba ruri mo Khamphaseng ya Potchefstroom. O ile a toloka le ka mo kopanong.

YBB e di goga kwa pele ka ditirelo tsa go rutwa ka go toloka

si ya ga Mohumagatsana Anneliese Beukes, e leng tlhogo ya Ditirelo tsa go Toloka mo Khamphaseng ya Potchefstroom, yo e neng e le mongwe wa dibui mo khonferenseng eno. Bomankge ba bangwe ba YBB ba ba neng ba abelana kitso ya bone le ba bangwe ka nako ya khonferense eno e ne e le Rre Johan Blaauw, Tlhogo ya Ditirelo tsa Puo, le Mohumagatsana Ananda van der Walt wa Ditirelo tsa go Toloka. Mohumagatsana Juan-li Theron, yo pele e neng e le motoloki kwa YBB, o ne a bua ka dikgwetlho tsa go tlhoma tirelo ya go ruta ka go toloka mo setheong se se jaaka Yunibesiti ya Stellenbosch, koo a dirang gone jaaka mmenejara wa ditirelo tsa go toloka. go thUsa DiYUniBesiti tse DingWeYBB e tlamela ka tirelo ya kgakololano ka tiro ya go rutwa ka go toloka kwa Lego-rong la Boenjenere la Yunibesiting ya Stel-lenbosch mme gape e dirisana le Legoro la Thutobomodimo la Yunibesiti ya Pretoria.

YBB e ne ya simolola ka 2004 go ruta ka go toloka ka dinako tsotlhe. Ga jaanong jaana, mo e ka nnang 26% ya ditlhatlhelelo tsotlhe mo Khamphaseng ya Potchefstroom di a tolokwa ka maiteko a go dira gore go kgonege go ithuta dirutwa tse di bonwang sewelo fela. Le fa go ruta ka go toloka go ntse go dirwa ka selekanyo se sennye go tla go fitlha ga jaana mo Khamphaseng ya Mafikeng le ya Khutlotharo ya Lekwa, go dirilwe tekanyetso ya go atolosa tirelo eno mo dikhamphaseng tse pedi tseno ka 2014.

tshegetsa letsholo la go lwantsha ditiro tsa boferefere

tsa Boferefere ke mokgatlho o o sa direng porofete o o ikemetseng ka nosi wa Aforikaborwa wa maloko a a tswang mo baaging.

Morago ga gore Lefapha le le Disang Ditiro tsa Bofe-refere le kope gore go tlhamiwe ditiragalo tsa go saena maikano a go lwantsha ditiro tsa boferefere, Setlhopha sa Botsamaisi sa Setheo sa YBB se ne sa dira tshwetso mo kopanong ya sone ka di 13 Mo-

pitlwe 2013 gore se tla ema maiteko ano nokeng.Ka go saena maikano a Lefapha le le Disang Ditiro tsa Boferefere, ba ba saenileng ba ikana gore ba tla sikara maikarabelo le go nna baagi ba ba ikanyegang, go dirisa ditsompelo tsa setšhaba ka tlotlo le go dira dilo ka boikanyegi.

Go ne ga tshwarwa ditiragalo tse di tshwanang le kwa diyunibesiting tse dingwe tsa Aforikaborwa.

19

Motlha wa tshedimosetso o re ama rotlhe, e leng lone lebaka la go bo YBB e tshwara

dipuisano tsa bosetšhaba tsa maitsholo a a amanang le go dirisa tshedimosetso.

Kwa kokoanong ya go tlhabana botlhale e e neng e tshwerwe ka di 24 tsa Motsheganong 2013 kwa Ofising ya Setheo, yunibesiti e ne ya tlhoma setlho-pha sa tiro gore se itlwaelanye le tiro e e dirwang mo nageng yotlhe ka ga maitsholo a a amanang le go dirisa tshedimosetso. Kokoano ya go tlhabana botlhale e ne ya rulaganngwa ka kopo ya ga Ngaka Theuns Eloff, motlatsamokanseleri, ke Lefapha la Kemonokeng la Patlisiso la YBB e bo e tshwarwa ke Senthara ya Aforika e e Dirang Ditiro tsa Boleng jo bo Kwa Godimo ya Yunibesiti ya Pretoria ya Maitsholo a a amanang le go dirisa Tshedimosetso.

Senthara eno e ne ya tlhongwa ka 2011 mo boemong wa Lefapha la tsa Tlhaeletsano la puso gore e dire patlisiso le go ruta batho ka botlhokwa jwa maitsholo a a amanang le go dirisa tshedimoset-so.Serutwa seno se amana thata le kamano fa gare ga batho le diphetogo tse di diregang mo lefatsheng ka ntlha ya go tlhabologa ga tshedimosetso le thek-enoloji ya tshedimosetso.

Se tlhoma mogopolo thata mo dikgannyeng tse di jaaka go nna gone ga tshedimosetso, go tlosa mo go yone dilo tse di sa tshwanelang go feta, mokgwa o o letleletsweng le o o sa letlelelwang wa go tsena mo tshedimosetsong ya khomphiutha ka sephiri, go dira gore tshedimosetso e tshwane mo lefatsheng lotlhe, le tshireletso ya tshedimosetso ya poraefete kgatlhanong le tshedimosetso kgotsa botho.

PHETOGO E E SA KGONENG GO EMISIWAMop Coetzee Bester, mokaedi wa senthara ya UP o ne a bolela kwa kokoanong ya go tlhabana botlhale a re go fetoga ga tshedimosetso ga go kgone go emisiwa, mme batho ba tshwanetse go rutwa tsela ya go e dirisa ka tshiamo le go lemotshiwa dikotsi tse di amanang le gone. Boikaelelo ke go tsenyeletsa maitsholo a a amanang le go dirisa tshedimosetso ka tsela nngwe mo dikhosong tse di rutwang kwa ditheong tsa thutogodimo mme kgabagare go e dira karolo ya kharikhulamo ya sekolo. Setlhopha sa tiro ya YBB se tla thusa senthara ya UP go tlhama thulag-anyo ya kharikhulamo e e tla amogelwang kwa ma-gorong a a farologaneng fa nako e ntse e tsamaya.

Mohumagatsana Marietjie Halgryn wa Kemonokeng ya Setheo sa Patlisiso, yo o ka fa molemeng, a bua kwa kokoanong ya go tlhabana botlhale ka maitsholo a a amanang le go dirisa tshedimo-setso. Yo o nang le ene, go tswa ka fa molemeng, ke Ngaka Thami Sithebe, mokaedi wa Sekolo sa Disaense tsa Tikologo le tsa Pholo mo Khamphaseng ya Mafikeng, le Mohumagatsana Rubina Setlhare-Meltor wa Sekolo sa Disaense tsa Thuto mo Khamphaseng ya Potchefstroom.

Maloko a badiri ba YBB a ne a kopiwa gape ka nako ya kokoano ya go tlhabana botlhale gore a tshwaele ka bukatiro e e iseng e fediwe e e neng ya tlhamelwa go tsenyeletsa dikgang tsa botlhokwa ka ga maitsho-lo a a amanang le go dirisa tshedimosetso go banna-leseabe ba ba farologaneng. Batlatsa-bareketoro ba akatemi le patlisiso mo dikhamphaseng tsa YBB ba tla etelela ditiro tseno pele mo dikhamphaseng.

Khonferense ya ntlha ya Aforika ka Maitsholo a a amanang le go dirisa tshedimosetso e ne ya tsh-

warwa ka 2007 e eteletswe pele ke United Nations Educational, Scientific and Cultural Organisation (UNESCO). Puso ya Aforikaborwa e ne ya etleetsa khonferense mme ya rulaganngwa ke yunibesiti ya Pretoria le ke ditheo tse dingwe tsa dinaga di sele tsa akatemi.

Fa e sa le ka nako eo, go ne ga tshwarwa dikoko-ano tse dingwe gape tse mo go tsone go neng ga tlotlwa ka diphelelo le dikgwetlho tsa motlha ono wa tshedimosetso mo Aforika.

maitsholo a a amanang le go dirisa tshedimosetso a re ama rotlhe

20

Fa Mop Tae-Seoup Yun a ne a kopiwa ke modini wa gagwe kwa Yunibesiting ya Hanseo kwa

Seoul, kwa South Korea, gore a ye kwa Mafikeng go ya go dira tiro ya boithaopo, o ne a dumalana le seo ka nako eo a neng a akanya gore e ne e tlile go nna loeto lwa malatsi a le robedi go ya Aforika-borwa le go bowa. Morago ga moo mosimanyana go tswa kwa sekolong sa poraemari kwa mot-seng wa Lokaleng gaufi le Mafikeng o ne a fetola dithulaganyo tsa gagwe gotlhelele. "E ne ya re fa ke bona mosimanyana yono, a nkgopotsa senepe sa ga rre, yo o neng a humanegile morago ga ntwa kwa Korea. Ke ne ka dira tshwetso gone fela foo go tswelela ka tiro ya boithaopo go fitlhela ke sena go tlhoma thulaganyo e e kgonang go itsetsepela le baithaopi ba bangwe ba ba tlang mo Aforikaborwa ka metlha," Mop Yun o bolela jalo. Go setse go fetile dingwaga di le tharo, mme o sa ntse a tla mo Aforikaborwa le kwa Khamphaseng ya Mafikeng gabedi ka ngwaga.

"Se re se dirang kwa Lokaleng ke go abelana se re se ithutileng le ba bangwe. Re dira mmogo le setlhopha go tswa kwa Sekolong sa Poraemari kwa Lokaleng mme re tlhomile tshingwana e re e tlhaka-netseng e re jalang merogo mo go yone re bo re e rekisa," go bolela jalo Mop Yun.

Monongwaga, baithuti ba le 10 go tswa kwa Yunibesiting ya Hanseo ba tsamaile le ene. "Keletso ya me ke gore – ka go abelana ga rona kitso le ditiro – re tla dira gore batho ba mo Lokaleng ba kgone go ithusa le go dira gore seno se solegele lefelo lotlhe molemo." Yunibesiti ya Hanseo gape e na le porojeke ya batlhaba-botlhale kwa Sekolong sa Poraemari sa Lokaleng go rotloetsa baithuti le go ba tlhaba botlhale gore ba nne baeteledipele mo tikologong e ba nnang mo go yone. Jaaka thot-loetso, Hanseo e naya baithuti ba kereiti ya ntlha go fitlha ka ya borataro awate ya go tshwanelega ya bokana ka R2 400 le awate ya go tshwanelega ya bokana ka R5 400 go baithuti ba bararo ba kereiti ya bosupa go fitlha ka ya borobongwe.

Mo karolong ya bobedi ya motseletsele ono o o leng ka ga batho ba ba dirang fano

mo YBB, Rre Gert van Rooyen wa Khamphase ya Mafikeng o ne a bua le moakatemi

go tswa kwa Yunibesiting ya Hanseo yo o neng a iphitlhela a gogelwa thata ke

Yunibesiti le naga ya Aforikaborwa.

Maiteko a lelapa. Mosadi wa ga Mop Yun, Hee Seung Choi, o tlile le ene mo ngwageng ono mo loetong lwa gagwe lwa go tla mo Aforikaborwa, go tla go thusa ka tiro ya boithaopo. Morwabone, e leng Isaac Minwook, le ene ke leloko la setl-hopha seno. Le fa go ntse jalo, Mop Yun ga a etela Khamphase ya Mafikeng fela go tla go dira tiro ya boithaopo – gape o tlile fano go tla go abelana kitso le ba bangwe go diragatsa tumalano e e dirilweng fa gare ga Khamphase ya Mafikeng le Yunibesiti ya Hanseo. Kwa nageng ya gaabo, Mop Yun ke moporofesa mo lefapheng la Go Tsham-ekisa Dipopae ka Khomphuthara le mo go lone a itsegeng ka tiro ya go tshamekisa dipopae ka khom-phiutha a dirisa bidio le dijithale, go dira ditshw-antsho ka khomphiutha le mmedia wa tshedimo-setsano.Mo nageng ya rona, o tshwaregile mo lefapheng la Senthara ya Tlhabololo ya tsa Akatemi kgotsa Academic Development Centre (ADC), le mo lefapheng la tsa Tlhaeletsano mo Sekolong sa Disaense tsa Batho.

"Ke ithutile gore ADC e tlamela ka mananeothuto

a a farologaneng a re se nang one kwa Hanseo, jaaka senthara ya go kwala, e-Fundi le porokeramo ya khomphiutha e e kaelang ka tsa go ithuta, mme nka rata go tlotlela badiri-ka-rona ka seno kwa nageng ya gaetsho," o bolela jalo.

Mop Yun o tshwara ditlelase tsa morago ga sekolo tsa botegeniki jwa go thala ditshwantsho mo lefa-pheng la tsa Tlhaeletsano. Go simolola ka semese-tara ya bobedi, o tla nna le seabe gape mo kgasong ya thelebišene, ka go kwala sekeripiti kgotsa go ruta baithuti ba ngwaga wa boraro ba tsa tlhaeletsano ka go dirisa ditshwantsho di le mmalwa tse di bontshang dikgato tsa se se tlileng go direga.

mop Yun o dumela mo go nneng le mowa wa go aba

*Fa o itse ka modiri-ka-rona mongwe yo o dirang sengwe ka tsela e e gakgamatsang tota kgotsa e e kgatlhang fa a se mo yunibesiting, tsweetswee romelela Marelize Santana tshedimosetso kwa atereseng ya [email protected].

Batho Ba

rona

Mop Tae-Seoup Yun le mosadi wa gagwe, Hee Seung Choi, ka bobedi jwa bone ba na le mowa wa go rata go thusa.

Mop Tae-Seoup Yun le badiri ba baithaopi ba tshwaragane le go baakanyetsa Diporojeke TsaTshomarelo mo setsheng se se tlhakanetsweng kwa Motseng wa Lokaleng.

21

Jaaka mo dikgatisong tse di fetileng, Eish! e batla go boa gape e akgola badiri-ka-rona botlhe ba YBB ba ka metlha ba thusang ba bangwe kwa ntle ga go ipona tsapa mo tirong ya bone ya letsatsi le letsatsi. Go bonala go se sepe se se ka emisang mo maitekong a bone a go direla ba bangwe tirelo e e siameng. Mo kgatisong eno, re tlhoma mogopolo go badiri-ka-rona ba Khamphase ya Potchefstroom.

Ba thusa ba bangwe kwa ntle ga go ipona tsapa

Mohumagatsana Merna Meyer, motlhatlheledimmotlana wa Sekolo sa Disaense tsa Loago tsa Thuto, o tlhopha badiri-ka-rona ba le bararo. "Ke lesego go bo ke dikaganyeditswe ke batho ba ba nang le matswela mo tirong ya bone gape ba dira tiro ka tsela ya seporofešenale, ba sa ipone tsapa gotlhelele," o bolela jalo. Merna o anaanela thata Mohumagatsana Marinda Neethling, motlhatlheledimmotlana mo go sone sekolo seo, ka ntlha ya tiro ya gagwe.

"Ga go na sepe se se palelang Marinda," o bolela jalo. Mohum-agatsana Karen Puren, motlhatlheledi-mogolo wa Barulaganyi ba Toropo le ba kgaolo mo Legorong la Disaense tsa Tlhago, ke yo o latelang fano yo o akgolwang ke Merna ka ntlha ya go dira dilo ga gagwe ka thulaganyo le go rarabolola mathata a ise a tlhage. Sa bofelo, o leboga Mohumagatsana Catrien Wentink, yo le ene e leng motlhatlheledimmotlana wa Sekolo sa Disaense tsa Loago le tsa Thuto, ka ntlha ya go dira ka bot-lalo le go thusa ba bangwe. “Re a lo leboga badiri-ka-rona,” Merna o bolela jalo.

Mohumagatsana Jacky Goosen, mothusi ka tsa tsamaiso wa Sekolo sa Booki, ke modiri-ka-rona yo mongwe yo tiro ya gagwe ya ka natla le boineelo jwa gagwe di ka se kang tsa tlhokomologiwa. Mohumagatsana Lizanne Visser, mothusi ka tsa tsamaiso mo sekolong, o tlhalosa gore boikanyegi jwa gagwe, boineelo le go dirisana ga gagwe le badiri-ka-rona le baithuti ke ga maemo a a kwa godimo tota. "Jacky o thusa tota mo tirong epe fela – re motlotlo go bo re na le leloko le le ntseng jalo la badiri le le nang le bokgoni mo tirong le maitemogelo a mantsi jalo e bile le rata tiro ya lone," Lizanne o bolela jalo.

Modiri yo mongwe yo o ikanyegang ke Mohumagatsana Jenny Taljaard, mokwaledi wa Sekolo sa Mmino. Go ya ka Ngaka Conroy Cupido, motlhatlheledi-mogolo mo sekolong, Jenny o thusa fela thata mo Setheong sa go Rutwa Mmino. "Dilo di ne di tla senyega fa Jenny a ka bo a se yo. O dira go le gontsi go feta ka fa go lebeletsweng ka gone mo go ene mme go rata go dira metlae ga gagwe go tshegisa ba le bantsi."

Mohumagatsana Louise Frylinck, motlhankedi wa tsamaiso wa Sekolo sa Disaense tsa Bobalamatlotlo, o tshwanelwa ke kakgolo. Go ya ka Rre Jack Jonck, motlhatlheledi-mogolo mo sekolong sa Bobalamatlotlo, Louise o botsalano ka dinako tsotlhe e bile o na le mowa wa go thusa ba bangwe e bile o dira go feta tiro e e lebeletsweng mo go ene. “Re a go leboga, Louise, ka ntlha ya tiro ya gago ya ka natla – ga re ka ke ra e tlhokomologa,” o bolela jalo.

Mop Mariëtte Lowes, Motlatsamoreketoro: Go ruta le Go Ithuta, o akgola Mohumagatsana Mari Labuschagne, mok-waledi mo ofising ya gagwe. “Mari o nna a le botsalano ka dinako tsotlhe le fa a gateletswe ke tiro. O kgona go dira gore ka metlha go rene mowa wa boitumelo fela mo ofising ya me," Mop Mariëtte o bolela jalo. O oketsa gape ka gore bokgoni jo Mari a nang le jone jwa go kaela dilo mme a ntse a le bot-salano, go dira gore batho ba nne le tirisanommogo, le go dira ka bonako bo botlhokwa thata. “Mari, ke rata thata mowa o o nang le one!”

Mo Sekolong se se Rutang Dipuo, Mop Attie de Lange le Mohumagatsana Chantal Roux, mokwaledi, ba supiwa fano ka ntlha ya seabe se se botlhokwa se ba nang le sone. Go ya ka Mohumagatsana Nerike Combrink, moithuti yo o thusang mo sekolong, Mop Attie ruri ga a ipone tsapa go thusa baithuti ba gagwe e bile o iketleeleditse go ba thusa ka metlha. Gape o rata go dira tiro ga ga Chantal ka maikutlo a a siameng. Chantal ga a ke a okaoka go dira diura tse di okeditsweng gore a fetse tiro, mme tlhagafalo ya gagwe e dira gore a kgone le ditiro tse di boima tota. “Ke a go leboga Mop Attie le Chantal ka go tlhoma ga lona sekao se sentle – lo dira gore rotlhe re itumelele tiro.”

fa o batla go tlhopha modiri-ka-wena yo gantsi a sa iponeng tsapa go thusa ba bangwe, tsweetswee romela imeile kwa go [email protected]. gakologelwa go supa maemo a gago a tiro le leina la lefapha la gago kgotsa la sekolo sa gago le dintlha tsa motho yo o batlang go mo tlhopha.

ma

rin

Da

nee

thli

ng

ka

ren

pU

ren

ca

trie

n W

etin

kJa

ckY

go

ose

nJe

nn

Y ta

lJa

arD

loU

ise

frYl

inc

k

ma

ri l

aBU

sch

ag

ne

mo

p a

ttie

De

lan

ge

ch

an

tal

roU

x

22

Umaka gore ke bomang mo

ditshwantshong mme o kae dinomore tsa ditsebe tsa teng.

6: Ke mang yo go neng ga dirwa kitsiso ya gore ke motlhatlheledi yo o ba gaisang botlhe mo YBB? 7: Ke baatlelete ba le kae (ba ba golaganeng le YBB ka tsela nngwe) ba ba weditsen mmarathone wa ngwaga ono wa Comrades? 8. Quacquarelli Symonds e ne ya naya YBB maemo afe bošeng jaana? 9. Ga jaanong jaana ke mang yo e leng modini wa Legoro la Temothuo, Saense le Thekenoloji mo Khamphaseng ya Mafikeng? 10. Leina la motshameko wa ntlha-ntlha wa mmobaele wa tshedimosetsano wa Khamphase

ya Khutlotharo ya Lekwa ke mang?

5.

4.

1.

2.

3.

O ka kgona go ikgapela mpho ya kgwebo - sa gago ke go batla fela dikarabo tsa dipotso di le 10 tse di latelang!

ROmElA dIKARABO TSA GAGO KwA GO:poso: marelize santana, lebokoso la poso ya ka mo teng 260eposo: [email protected] mme kwala eish! ka mo bolokong ya diteng.se lebalego kwala nomoro ya gago ya bodirammogo, setlhogo, maina, sefane, le lefapha le khamphase tsa gago.

Dikarabo tsa ntlha tse di siameng go tswa mo Khamphaseng e nngwe le e nngwe tse di tla gogiwang di tla fa moikwadisi mpho!

Mme bafenyi ke ….re akgola badiri-mmogo ba ba latelang ba mongwe le mongwe wa bone a ikgapetseng mpho ya kgwebo:

Re batla go leboga botlhe ba ba nnileng le seabe. Fa e le gore o ne o se lesego go le go kalo mo lekget-long leno, tshono e nngwe ke eno ya go nna le seabe mo kgaisanong ya rona e e kgatlhang:

Khamphase ya Khutlo-Tharo ya lekwa:Mohumagatsana Lebo Kumalo, mothusi ka tsa tsamaiso, Tlhabolo-lo ya tsa Akatemi le Kemonokeng

Khamphase ya Potchefstroom: Mohumagatsana Beula de Beer, mothusi-mogolo wa tsamaiso, Sekolo sa Disaense tsa Tlhago le Thekenoloji ya Thuto

Khamphase ya mafikeng:Mohumagatsana Tlotlo Monak-wane, motlhankedi wa tsamaiso, wa Ofisi ya kamogelo

Ofisi ya Setheo:Mohumagatsana Christelle Foord, modiri wa dikamano le badiri, Bokgoni jwa Badiri mo Tirong

Fenya!Fenya!

Fenya!

23

Bošeng jaana YBB e ne ya dira ditekeletso kwa dinageng di sele ka go nna le seabe mo thulaganyong ya Quacquarelli Symonds (QS) ya go newa maduo. Buisa ts 8 le 9 go bona ka fa maiteko ano a ntlha, a a neng a eteletswe pele ke Mop Nicholas Allan, Mokaedi wa Setheo a tsamaileng ka gone:

A bo e le tshono e e molemo jang ne: jaanong o ka kgona go tshegetsa lefoko ka madi mo Woordeboek van die Afrikaanse Taal (WAT) ka R100 lefoko le le lengwe mme o nne le lesego la go ikgapela peeletso-madi ya ABSA ya bokana ka R25 000 fa go gogwa maina gangwe ka ngwaga a ba go ka diregang gore ba nne lesego la go ka ikgapela one.

Mo godimo ga moo, fa o tsenya seatla kwa teng-teng mo potleng ya gago o bo o ntshetsa lefoko R5 000, lefoko leo e nna "thoto" ya gago e bile ga go ope yo o ka le tshegetsang ka madi. Botlhe ba ba tsayang karolo ba newa setifikeiti se se nang le leina la bone le lefoko kgotsa mafoko a ba a tshegeditseng ka madi a gatisitswe mo go sone. Porojeke ya go Tshegetsa Lefoko ka Madi ke letsholo la WAT Trust la go koleka madi gore dibolumo di le supa tsa bofelo tsa WAT di kgone go wediwa.

mme Wat ke eng?Se e seng sone, ga se buka-mantswe e le nngwe fela e e nang le ditlhaka go tswa go A go ya go Z. Gape ga e a tshwanela go tsewa gore ke yone Handboek

TSHEGETSA MAFOKO A Wat KA MADI MME O fenYe van die Afrikaanse Taal (HAT), e yone e nang le Seforikanse fela e e tlwaelegileng. Kwa bofelong, porojeke ya WAT e tlile go nna le dibolumo di le 20, e nngwe le nngwe ya tsone e nang le mo e ka nnang mafoko a tlhaka e le nngwe ya dialefa-bete. Dibolumo di le sometharo di setse di le mo dišhelofong, mme bolumo ya bo 14 – ya ntlha ya tse tharo tsa tlhaka S – e sa ntse e kwalwa. Dibolumo tsa WAT di teng mme ke dibuka tse di gatisitsweng, mme gape go na le ya dijithale gore e dirisiwe mo khomphuitheng le mo selulafounong.

Diranta le Disente Porojeke ya WAT, e e neng ya simolola ka 1926, ga jaanong jaana e na le tekanyetso-kabo ya madi ya ngwaga le ngwaga ya bokana ka R4,5 milione. Mo go seno, R1,4m eno e tswa mo mading a a tswang kwa pusong ao puso e thusitseng ka one, R2,6m yone e tswa go Terasete ya WAT, mme a mangwe otlhe one a tswa mo mading a dithekiso le dipo-rojeke tse dingwe. Thuso ya madi a a tswang kwa pusong ga e akaretse thuso ya madi a ditshenyegelo tsa go gatisa dibolumo tse dintšha tsa WAT, tse di

fitlhang go mo e ka nnang R600 000. Mo godimo ga moo, WAT e batla mo e ka nnang R100 000 ka ngwaga go tlhama dikumo tse diša tsa eleket-eroniki.

Ka fa o ka…Fa o batla go tshegetsa mafoko ka madi mo WAT, romela bosupi jwa madi a o a dipositileng kgotsa tšheke e mo go yone go duelwang Borg ’n Woord (mo go rayang go tshegetsa lefoko ka madi) le leina la gago jaaka tshupetso, mmogo le lefoko kgotsa mafoko a o a tlhophileng, aterese ya gago kgotsa aterese ya imeile le nomore ya founo kwa atereseng ya [email protected] kgotsa ya WAT Trust, PO Box 245, Stellenbosch. Dintlha tsa banka ke WAT Trust, ABSA, nomoro ya banka 4078244585, khoutu ya lekala 632005. Leletsa 021 8873113 go bona tshedimosetso go ya pele kgotsa leba www.wat.co.za mme o tobetse mo go Borg ’n Woord.

DINALEDI TSE THARO...

A o na le nopolo e o e ratang go di gaisa tsotlhe? Re a e kopa tsweetswee; re ka rata go e dirisa mo kgatisong ya rona e e latelang ya Eish!. Tsweetswee romela nopolo ya gago, motswedi wa yone le mokwadi wa yone, lebaka le le khutshwane la go bo e go amile ka tsela e e go amileng ka yone, mmogo le leina la gago, sefane, maemo a tiro le lefapha/sekolo kwa go [email protected].

“ke kopane le nopolo eno mo bukeng ya ga kerrie le chris shook – go setse malatsi a le masomaamararo a botshelo. seno se ne sa nthusa go leba batho ba ba leng gaufi le nna ka tsela e sele. ka ntlha ya nopolo eno, ke amega ka batho thata jaanong. fa motho 'a sa ntshware sentle' mme ke utlwa ke batla go mo atlhola, ke akanya ka nopolo eno go ikgakolola gore mongwe le mongwe o na le lebaka la go itshwara ka tsela e e rileng.”

Mohumagatsana Irene Muller, motlhatlheledimmotlana mo Sekolong sa Thuto mo Khamphaseng ya Khutlotharo ya Lekwa, o re bolelela nopolo e e latelang ya mafoko a ga H Jackson Brown Jr, mokwadi wa Mo-Amerika yo o itsegeng thata ka buka ya gagwe e e tlhotlheletsang, Life's Little Instruction Book, e e neng ya nna New York Times e e rekiwang thata:

’gakologelWa gore motho mongWe le mongWe Yo o kopanang le ene o Boifa sengWe, o rata sengWe kgotsa o latlhegetsWe ke sengWe.’